Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

United States

Mapodise mangwe a dirisa thekenoloji go fokotsa dikotsi tsa go lelekisa dikoloi. Sengwe sa dilo tse di dirisiwang ke sedirisiwa se se gokelelwang mo dikoloing tsa mapodise se se kgonang go kolopa tracker e e ngaparelang mo koloing e e lelekisiwang. Seno se thusa mapodise go sala babelaelwa morago ka lobelo lo lo siameng.

India

Go fopholediwa gore ura nngwe le nngwe go bolawa mosadi a le mongwe ka ntlha ya dikgotlhang tsa magadi a ba bogwegadi ba a ntshetsang monna wa gagwe. Le fa tlwaelo eno ya go ntsha magadi e thibetswe semolao, ka 2012 go bolailwe basadi ba feta 8 200 ka gonne monna kgotsa ba lelapa la gaabo ba tsaya gore magadi a a ntshitsweng ga a lekana.

Switzerland

Disensara tse dinnye tse di gokeletsweng mo dinonyaneng tse tharo tsa alpine swift kwa lefelong le di tsalelang kwa go lone, di bontshitse gore di fofile malatsi a le 200 di sa eme fa di fudugela kwa Afrika. Mo nakong e e fetileng, diphologolo tsa mo metsing ke tsone fela tse go neng go itsege di kgona go tsamaya sekgala se se kalo.

Dikgaolo Tsa Botlhaba Jwa Afrika

Magodu a mo lewatleng a gapile dikepe di le 179 ka dikgoka mo lewatleng la Dikgaolo tsa Botlhaba jwa Afrika magareng ga Moranang 2005 le Sedimonthole 2012. Patlisiso e e dirilweng ke World Bank e fopholetsa gore madi otlhe a magodu ano a a boneng ke R4 bilione.