Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BATHO LE DINAGA | BELIZE

Go Etela Belize

Go Etela Belize

BELIZE e na le dilo tse dintsi tse di kgatlhang—dikgwa tsa boboatsatsi le metsi a matala a a dikologileng ditlhaketlhake tse di iphaphathileng le lotshitshi. Tsela e Belize e agegileng ka yone ke lemme fela la dilo tse di kgatlhang ka naga eno.

Naga eno e na le mefuta e e farologaneng ya dinonyane le diphologolo. Dingwe tsa diphologolo tsa yone tsa naga ke dinonyane tsa mebala e mentle (Ramphastos sulfuratus) le dikolobe tsa naga (Tapirus bairdii)—tse di nang le selopo se sekhutshwane e bile ke losika lootshukudu mme di kgona go taboga mo lefatsheng le mo metsing! Gape go na le di-jaguar (Panthera onca) tse di ratang go tshela di le nosi. Tota e bile, Belize ke yone naga ya ntlha e e nang le lefelo le le tlhokomelang di-jaguar.

Belize ke naga ya ntlha go nna le lefelo le le tlhokomelang di-jaguar

Belize e kile ya bo e le karolo ya mafelo a Ba-Maya. Batlhabani ba Ba-Spain ba ne ba goroga ka lekgolo la bo16 la dingwaga mme ba se ka ba fenya Ba-Maya. Moragonyana Baboritane ba ne ba thopa naga eno mme  ka 1862 ba e dira kolone ya British Honduras semolao. Ka 1981, Belize e ne ya bona boipuso.

Ba-Belize ba kgatlha fela jaaka naga ya bone. Bontsi jwa batho ba ba nnang koo ke Ba-Creole, Ba-India ba kwa Botlhaba, Ba-Garifuna, Ba-Maya le Ba-Mestizo. Batho ba naga eno ba botsalano e bile ba maitseo. Gantsi fa bana ba bua le bagolo ba re “Mme” kgotsa “Rre,” mme fa ba araba ba re “Ee mma” kgotsa “Nnyaa rra.”

Marekisetso a Toropo ya Belize

Kwa Belize go na le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa tsa Puo ya Diatla ya Amerika, Se-Creole sa Belize, Seesemane, Sejeremane, Se-China sa Mandarin, Se-Maya (Mopán) le Se-Spain. Ka 2013, mo e ka nnang motho a le 1 go ba le 40 kwa Belize, o ne a nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete se se neng se tshwerwe ke Basupi.

A O NE O ITSE? Coral reef ya kwa Belize e boleele jwa dikilometara di feta 290. Ke karolo ya barrier reef ya maemo a bobedi ka bogolo mo lefatsheng mme Great Barrier Reef ya Australia ke yone e kgolo go di gaisa tsotlhe.

Coral reef ya kwa Belize ke karolo ya barrier reef ya maemo a bobedi ka bogolo mo lefatsheng