Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matlho a Magolo—Mmele o Monnye!

Matlho a Magolo—Mmele o Monnye!

BATHO ba bantsi ba ka re e ntle; bangwe ba ka re e maswe. E na le maoto a maleele, boboa jo bo borethe le matlho a magolo a a phatsimang. E boleele jwa disentimetara di ka nna 12,5 e bile e bokete jwa digerama di ka nna 114. Ke eng seo? Ke phologotswana e e bidiwang tarsier!

Mma re sekaseke nngwe ya diphologotswana tseno, tarsier ya kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Philippine. Matlho, ditsebe, diatla, dinao, maoto le mogatla wa yone di lebega di le dikgolo go feta mmele wa yone. Mme go sekaseka tebego ya yone e e sa tlwaelegang, go bontsha gore e bopilwe ka tsela e e kgatlhang.

GO UTLWA: Ditsebe tse di tshesane tsa tarsier di kgona go menega le go phuthologa e bile di kgona go utlwa modumo o o kwa tlase thata. Ditsebe tsa yone ga di e thuse fela go tila diphologolo tse di e tsomang, tse di jaaka dibatana tsa naga, gape di e thusa go tsoma. Fa go le maitseboa, tarsier e reetsa medumo ya ditsiritsiri, ditshoswane, dikhukhwane, dinonyane le digwagwa. Go tswa foo e retolosetsa tlhogo ya yone kwa go tsone e bo e di leba ka matlho a yone a magolo gore e tle e di je.

GO TSHWARA: Diatla tsa tarsier di diretswe go tshwara ditlhatshana tse ditshesane. Dintlha tsa menwana ya yone di na le makokoma a jaaka metlhala ya leotwana la koloi a dirang gore e se ka ya relela. Le fa tarsier e robetse e nna e itshwareletse thata. Makokoma a a mo karolong e e kafa tlase ga mogatla wa yone a e thusa go nna e itsetsepetse go fitlha e tsoga.

GO BONA: Ga go na phologolo epe e nngwe e e amusang e e nang le matlho a magolo go feta mmele wa yone jaaka eno. Tota e bile, leitlho le le lengwe la tarsier le legolo go feta boboko jwa yone! Matlho a tarsier ga a kgone go dikologa a nna a lebile kwa pele fela. A seo se raya gore ga e kgone go bona mo matlhakoreng? Nnyaa. Molala wa yone o retologa ka bonako go thusa tlhogo gore e lebe mo matlhakoreng le kwa pele.

GO TSAMAYA: Maoto a maleele a tarsier a dira gore e kgone go tlola dimmetara di ka nna 6—boleele jo bo e fetang ka makgetlo a le 40! Fa phologotswana eno e nnye e tsoma mo lefifing, e otlolola menwana ya yone e bo e tshwara se e se tsomang.

Gantsi di-tarsier di a swa fa di tswalelwa, gongwe ka gonne di ja ditshenekegi tse di tshelang e bile di sa rate go nna di tswaletswe. Le fa go ntse jalo, phologotswana eno e e tlhomologileng e sa ntse e kgatlha batho ba kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Philippine. Karolo nngwe le nngwe ya phologotswana eno ya matlho a magolo e e nnang mo sekgweng e a gakgamatsa.