Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A BAEBELE E KA GO THUSA?

Melaometheo e e Thusang Batho Botlhe—Boikanyegi Mo Lenyalong

Melaometheo e e Thusang Batho Botlhe—Boikanyegi Mo Lenyalong

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala.”Bahebera 13:4.

MELEMO: Batho ba bangwe ba re mafoko ao a feletswe ke nako. Mme ao ke maaka a matala! Fela jaaka go sa ikanyege go ne go utlwisa botlhoko thata fa Baebele e kwalwa, le gompieno go sa ntse go utlwisa botlhoko.—Diane 6:34, 35.

Jessie, monna yo o nyetseng e bile a na le bana a re: “Go ikanyega mo lenyalong go dirile gore nna le mogatsake re ratane thata re bo re itumele. Boammaaruri ke gore, boikanyegi bo botlhokwa mo lenyalong.” Fa bo seyo go ka nna le mathata a a tla amang le bana!

Ligaya * o batlile a ithubela lenyalo. A re: “Ke ne ka simolola go itsalanya le batho ba ba sa siamang. Seno sa dira gore ke ye diphathing tsa bosigo mme ka se ka ka ikanyega mo monneng wa me.” A botshelo jono bo ne bo mo kgotsofatsa? Ene le monna wa gagwe ba ne ba lwetse ruri e bile a sa itumela gotlhelele. A re: “Fa ke akanya ka nthagaraga e ke itsentseng mo go yone, ke a lemoga gore batsadi ba me ba ne ba nepile fa ba re, ‘Go itlwaelanya le batho ba ba sa siamang go senya mekgwa e e molemo.’”—1 Bakorintha 15:33.

Ligaya o tswelela ka go re: “Pele dilo di senyegela pele, ke ne ka swetsa ka gore ke tlogele mekgwa e e sa siamang mme ke ithute Baebele—mme mo lekgetlong leno ke dira se e se rutang.” Seo se ne sa felela ka eng? Lenyalo la gagwe le ne la se ka la thubega le monna wa gagwe o ne a simolola go dirisana le ene ka bopelontle a bo a mo tlotla. A re: “Baebele e fetotse botshelo jwa me e bile ga ke ikwatlhaele go bo ke tlogetse mekgwa e e bosula le ditsala tse di sa siamang.”

^ ser. 6 Maina mangwe a fetotswe.