Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE

A Modimo o Teng? A go Botlhokwa go Itse?

A Modimo o Teng? A go Botlhokwa go Itse?

Batho ba le bantsi ba akanya gore potso eno ga e na karabo e bile ga e botlhokwa. Hervé, yo o goletseng kwa Fora a re: “Le fa gone ke se molatolamodimo e bile ke sa dumele gore Modimo ke masaitseweng, tota ga ke modumedi. Ke dirisa tlhaloganyo gore ke tshele sentle. Seno ga se tlhoke gore ke dumele mo Modimong.”

Bangwe ba ka tswa ba na le maikutlo a a tshwanang le a ga John wa mo United States. A re: “Ke godisitswe ke batsadi ba ba neng ba sa dumele mo Modimong. Fa ke sa le mosha, ke ne ke sa tlhomamisege gore a Modimo o teng. Mme kgang eno e ne e sa njese diwelang.”

A o kile wa ipotsa gore a Modimo o teng? Fa go le jalo a go na le lebaka la go bo re tshela? Fa e le gore ga go na Mmopi, gongwe o fitlhetse go le thata go tlhalosa dikgang dingwe, tse di jaaka tshedimosetso ya saense e e bontshang gore re ne re tshwanetse go tshelela ruri le bosupi jwa gore botshelo ga bo a itlhagela fela.—Bona lebokose le le reng “ Sekaseka Bosupi.

Akanya ka dintlha tse go builweng ka tsone fa godimo. Di tshwana le matshwao a a re isang kwa letlotlong. Fa o ka bona bosupi jo bo kgotsofatsang jwa gore Modimo o teng le tshedimosetso e e boammaaruri ka ene, o tla solegelwa molemo. Bona dikai tseno tse nnè.

1. SE RE SE TSHELELANG

Fa e le gore go na le lebaka la go bo re tshela, re batla go le itse le gore le re ama jang. Mo godimo ga moo, fa e le gore Modimo o teng mme re sa itse, go raya gore ga re na tshedimosetso e e boammaaruri ka lobopo.

Baebele ya re Modimo o bopile dilo tsotlhe. (Tshenolo 4:11) Go itse seno go ka re thusa jang gore re tshele botshelo jo bo botoka? Utlwa gore Baebele ya reng ka kgang eno.

Mo dibopiweng tsotlhe mo lefatsheng, batho ba botlhokwa thata. Baebele ya re re bopilwe mo setshwanong sa Modimo e bile re na le botho jo bo tshwanang le jwa gagwe. (Genesise 1:27) Mo godimo ga moo, Baebele e ruta gore re ka nna ditsala tsa Modimo. (Jakobe 2:23) Botshelo jwa rona bo tla itumedisa tota fa re ka atamalana le Mmopi wa rona jalo.

Go nna tsala ya Modimo go kayang? Ditsala tsa Modimo di kgona go bua le ene ka tlhamalalo. E bile o solofetsa gore o tla di reetsa a bo a di direla se di se kopang. (Pesalema 91:15) Fa re nna ditsala tsa Modimo, re ka itse gore o ikutlwa jang ka dilo di le dintsi. Seno se ka dira gore re bone dikarabo tsa botlhokwa tse di amanang le botshelo jwa rona.

Fa e le gore Modimo o teng mme re sa itse, go raya gore ga re na tshedimosetso e e boammaaruri ka lobopo

2. GO IMOLOGA

Ka sekai, batho ba bangwe ga ba dumele gore Modimo o teng ka gonne ba bona batho ba bangwe ba boga. Ba botsa jaana, ‘Goreng Mmopi yo o nang le maatla a letlelela bosula le gore batho ba boge?’

Baebele e araba potso eno ka tsela e e kgothatsang. E re bolelela gore e ne e se boikaelelo jwa Modimo gore batho ba boge. Fa batho ba bopiwa ba ne ba sa boge. Tota e bile, e ne e se boikaelelo jwa Modimo gore batho ba swe. (Genesise 2:7-9, 15-17) A go thata go dumela seo? A ke toro? Nnyaa. Fa e le gore Mmopi o maatla e bile o lorato, re ka solofela gore o ne a tla batlela batho botshelo jo bo molemo.

Go tlile jang gore maemo a nne maswe jaana? Baebele ya re Modimo o bopile batho ba na le kgololesego ya go itlhophela. Ga re diroboto tse di patelesegang go ikobela Modimo. Banyalani ba ntlha ba rotlhe re leng ditlogolwana tsa bone, ga ba a ka ba ikobela Modimo. Go na le moo, ba ne ba dira maratwaepelo. (Genesise 3:1-6, 22-24) Gompieno re lebana le ditlamorago tse di botlhoko tsa seo.

Re a imologa fa re sena go itse gore e ne e se boikaelelo jwa Modimo gore re boge. Boammaaruri ke gore, re batla go imologa mo maemong ano a a thata. Re batla isagwe e e itumedisang.

3. TSHOLOFELO

Fa batho ba sena go tlola molao wa Modimo, Modimo o ne a solofetsa gore fa nako e ntse e tsamaya o tla diragatsa se a se ikaeletseng ka lefatshe. E re ka e le mothatayotlhe, ga go sepe se se ka mo thibelang go dira seo. (Isaia 55:11) Go ise go ye kae, Modimo o tla tlosa diphelelo tsotlhe tse di botlhoko tsa botlhokakutlo a bo a dira gore lefatshe le batho ba nne jaaka a ne a batla go tswa kwa tshimologong.

Seo se ka go solegela molemo jang? Mo ditsholofetsong tse dintsi tsa Modimo tse di mo Baebeleng, akanya ka tse pedi tseno fela.

  • KAGISO MO LEFATSHENG, BOIKEPO BO SEYO. “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.

  • BOLWETSE LE LOSO DI SEYO. “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) “O tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:8.

Goreng re tshwanetse go dumela se Modimo a se solofetsang mo Baebeleng? Ka gonne bontsi jwa boporofeti jo bo mo Baebeleng bo setse bo diragaditswe. Le fa go ntse jalo, tsholofelo ka isagwe ga e dire gore batho ba se ka ba boga. Ke eng se sengwe se Modimo a re thusang ka sone?

4. GO RARABOLOLA MATHATA LE GO DIRA DITSHWETSO

Modimo o re thusa go rarabolola mathata le go dira ditshwetso tse di siameng. Ditshwetso dingwe di dinnye mme tse dingwe di nna le ditlamorago tse di nnelang ruri. Ga go motho ope yo o ka re nayang kgakololo e e molemo jaaka Mmopi wa rona. O itse sengwe le sengwe e bile ke ene a nayang batho botshelo. Ka jalo o itse se se re siametseng.

Jehofa Modimo o tlhotlheleditse bakwadi ba le bantsi ba Baebele gore ba kwale dikakanyo tsa gagwe. Baebele ya re: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.”—Isaia 48:17, 18.

Modimo o na le maatla a a ka se lekanngweng le ape e bile o ikemiseditse go a dirisa gore a re thuse. Baebele ya re Modimo ke rre yo o lorato yo o batlang go re thusa. Ya re: “Rara yo o kwa legodimong . . . [o] tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:13) Maatla ano a a tswang kwa Modimong a ka re bontsha tsela e bile a ka re nonotsha.

Mme gone, o ka a bona jang? Baebele ya re: “Yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Gore o tlhomamisege gore Modimo o teng, o tshwanetse go itshekatshekela bosupi jwa seo.

A O TLA BATLA?

Go tsaya nako gore o bone boammaaruri ka Modimo, mme go dira jalo go ka go solegela molemo thata. Ela tlhoko se se diragaletseng Xiujin Xiao, yo o tsholetsweng kwa China mme gone jaanong a nna mo United States. A re: “Le fa ke ne ke dumela gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe, ke ne ke batla go itse se Baebele e se buang. Ka jalo ka simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ka ngwaga wa me wa bofelo kwa kholetšheng, ke ne ke tshwaregile thata mo ke neng ke se na nako ya go ithuta Baebele. Mme ke ne ke sa itumela. Fa ke simolola go ithuta Baebele gape, ke ne ka itumela.”

A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo? Goreng o sa iphe nako ya go dira dipatlisiso?