Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leina le le molemo kgotsa go itsiwe o le motho yo o siameng go dira gore o tshepiwe le go tlotliwa

‘Leina le le Molemo le Botoka Go na Le Dikhumo Tse Dintsi’

‘Leina le le Molemo le Botoka Go na Le Dikhumo Tse Dintsi’

LEINA le le molemo kgotsa go itsiwe o le motho yo o siameng go botlhokwa thata mo e leng gore kwa mafelong a mangwe go sirelediwa semolao. Le ka sirelediwa gore le se ka la gogobisiwa mo seretseng kgotsa la tlhapadiwa. Seo se re gopotsa seane sa bogologolo se se reng: “Go tshwanetse ga tlhophiwa leina go na le dikhumo tse dintsi; go amogelwa go botoka go na le selefera le gouta.” (Diane 22:1) Re ka nna le leina le le molemo jang re bo re tlotliwa ke batho ba bangwe? Baebele e na le dikakantsho tse di molemo.

Ka sekai, ela tlhoko se Baebele e se buang mo Pesalema 15. Fa Mopesalema a ne a araba potso e e reng, “Ke mang yo o tla nnang molalediwa mo mogopeng wa [Modimo]?” o ne a bua jaana: “Yo o . . . dirang tshiamo e bile a bua boammaaruri mo pelong ya gagwe. Ga a a senya batho leina . . . , ga a a direla molekane wa gagwe sepe se se bosula, gape ga a a kgoba motho yo a tlwaelaneng thata le ene. Mo matlhong a gagwe ope fela yo o nyatsegang o a ganwa . . . O ikanne malebana le se se bosula, mme le fa go ntse jalo ga a fetoge . . . Gape ga a tsaya pipamolomo.” (Pesalema 15:1-5) A o ka se tlotle motho yo o tshelang melaometheo eo?

Boikokobetso ke nonofo e nngwe e e dirang gore batho ba go tlotle. Diane 15:33 ya re: “Go na le boikokobetso pele ga kgalalelo.” Akanya ka seno: Batho ba ba ikokobeditseng ba leka go bona gore ba ka tokafatsa fa kae e bile ba leka thata go dira jalo. Gape ba ikemiseditse go kopa maitshwarelo fa ba kgopisitse mongwe. (Jakobe 3:2) Batho ba ba ikgogomosang ga ba a nna jalo, bone ba itlhaganelela go kgopisega. Diane 16:18 ya re: “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.”

Jaanong o tshwanetse go dira eng fa mongwe a senya leina la gago le lentle? A o tshwanetse go nna mafega o bo o mo galefela? Ipotse jaana, ‘Fa nka leka go sireletsa leina la me, a ke tla bo ke sa anamise maaka?’ Le fa ka dinako tse dingwe go tlhokega gore o tseye kgato ya semolao, Baebele e re naya kgakololo eno e e botlhale: “O se ka wa potlakela go ya go sekaseka kgetsi ya molao,” go na le moo, “seka kgang ya gago le mongwe ka wena.” (Diane 25:8, 9) * Go rarabolola kgang ka tsela eno e e botlhale e bile o ritibetse, go ka go thusa gore o se ka wa latlhegelwa ke madi ka ntlha ya go seka.

Baebele ga e bue fela ka dikgang tsa bodumedi. Ke buka e e nang le dikgakololo tse di siameng ka botshelo. Batho ba ba dirisang botlhale jo bo mo go yone ba nna le mekgwa e e dirang gore ba tlotliwe le go nna le leina le le molemo.

^ ser. 5 Dikgakololo tse dingwe tsa Baebele tsa gore re ka rarabolola jang dikgotlhang, di mo go Mathaio 5:23, 24; 18:15-17.