Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leina la Modimo le tlhaga makgetlo a le mantsi ka ditlhaka tsa Sehebera mo mekwalong ya bogologolo ya Baebele

BAEBELE YA RENG?

Leina la Modimo

Leina la Modimo

Batho ba le bantsi ba bitsa Modimo ka direto tse di tlotlegang jaaka Morena, Bosakhutleng, Allah kgotsa Modimo fela. Le fa go ntse jalo, Modimo o na le leina. A o tshwanetse go le dirisa?

Leina la Modimo ke mang?

SE BANGWE BA SE BUANG

 

Batho ba le bantsi ba ba ipitsang Bakeresete ba re leina la Modimo ke Jesu. Ba bangwe ba akanya gore ga go tlhokege go dirisa leina la Modimo Mothatayotlhe ka gonne ke ene fela a le esi. Mme ba bangwe bone ba re leina la Modimo ga le a tshwanela go dirisiwa.

SE BAEBELE E SE BUANG

 

Leina la Modimo Mothatayotlhe ga se Jesu ka gonne Jesu ga se Modimo Mothatayotlhe. Tota e bile, Jesu o ne a ruta baobamedi ka ene gore ba rapele Modimo ba re: “Rara, a leina la gago le itshepisiwe.” (Luke 11:2) Jesu le ene o ne a rapela Modimo a re: “Rara, galaletsa leina la gago.”Johane 12:28.

Mo Baebeleng Modimo a re: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me; mme ga nkitla ke naya ope o sele kgalalelo ya me.” (Isaia 42:8) “Jehofa” ke leina la Setswana le le ranotsweng go tswa mo ditlhakeng tse nne sa Sehebera e leng YHWH, tse di emelang leina la Modimo. Leina leo le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000 mo Dikwalong Tsa Sehebera tse gape di bidiwang Tesetamente e Kgologolo. * Le tlhaga gantsi go gaisa direto tse di jaaka “Modimo,” “Mothatayotlhe” kgotsa “Morena” e bile le tlhaga gantsi go feta maina a mangwe a a jaaka Aborahame, Moshe kgotsa Dafide.

Ga go na gope mo Baebeleng mo Jehofa a reng re se ka ra dirisa leina la gagwe ka tsela e e siameng. Tota e bile, Baebele ya re batlhanka ba Modimo ba ne ba dirisa leina la gagwe ba gololesegile. Ba ne ba dirisa leina leo mo maineng a ba neng ba a naya bana ba bone a a jaaka Elija le le kayang “Modimo Wa me Ke Jehofa” le Sekarea le le kayang “Jehofa o Gakologetswe.” Gape ba ne ba sa tshabe go dirisa leina la Modimo letsatsi le letsatsi fa ba tlotla.—Ruthe 2:4.

Modimo o batla gore re dirise leina la gagwe. Re kgothalediwa go ‘ntshetsa Jehofa ditebogo le go bitsa leina la gagwe.’ (Pesalema 105:1) Gape Jehofa o rata batho ba ba “akanyang ka leina la gagwe.”—Malaki 3:16.

“Batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, Wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—Pesalema 83:18.

Leina la Modimo le kaya eng?

Baithuti bangwe ba dumela gore leina Jehofa ka Sehebera le kaya “O Dira Gore go Direge.” Tlhaloso eo e bontsha gore Modimo a ka dira gore ene kgotsa dilo tse a di bopileng, di nne sengwe le sengwe se a batlang e nna sone gore thato ya gagwe e diragadiwe. Mmopi yo o maatlaotlhe ke ene fela a ka dirang go dumalana le leina leo.

SEO SE KAYANG MO GO WENA?

 

Go itse leina la Modimo go tla fetola se o se akanyang ka ene. Go tla nna motlhofo gore o nne tsala ya gagwe. Tota o ka se nne tsala ya mongwe o sa itse leina la gagwe.—Jakobe 4:8.

O ka tlhomamisega gore ka metlha Jehofa o tla tshelela leina la gagwe ka gonne ke Modimo yo o diragatsang se a se solofeditseng. Ke ka moo Baebele e reng: “Ba ba itseng leina la gago ba tla go ikanya.” (Pesalema 9:10) O simolola go tshepa Jehofa fa o ithuta gore leina la gagwe le tsamaisana le dinonofo tsa gagwe, jaaka lorato, bopelotlhomogi, kutlwelobotlhoko le tshiamo. (Ekesodo 34:5-7) Go a itumedisa go itse gore Jehofa o tla nna a diragatsa se a se solofeditseng, a dira dilo tse di dumalanang le dinonofo tsa gagwe.

Ruri ke tlotla go itse leina la Modimo Mothatayotlhe. Go ka dira gore Modimo a go segofatse gone jaanong le mo nakong e e tlang. Modimo o solofetsa jaana: “Ke tla mo sireletsa ka gonne o setse a itse leina la me.”—Pesalema 91:14.

“Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla falola.”—Joele 2:32.

Leina la Modimo le kwadile ka dipuo tse di farologaneng

^ ser. 9 Dibaebele di le dintsi di dirisa sereto “MORENA” mo boemong jwa leina la Modimo mme tse dingwe tsone di na le leina la Modimo mo ditemaneng di le mmalwa fela kgotsa mo dintlheng tse di kwa tlase. Leina la Modimo le tlhaga makgetlo a le mantsi mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo.