Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go laya ngwana go mo thusa gore a se ka a tswa mo tseleng

BATSADI

6: Go Laya Bana

6: Go Laya Bana

GO KAYA ENG?

Go laya ngwana go ka kaya go mo kaela kgotsa go mo ruta. Ka dinako tse dingwe go kaya go mo kgalemela fa a sa itshware sentle. Mme gantsi go laya ngwana go kaya go mo ruta gore a itse go dira ditshwetso tse di siameng mo botshelong.

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Gone jaanong mo malapeng a mantsi bana ga ba tlhole ba laiwa ka gonne batsadi bangwe ba dumela gore fa ba dira jalo, bana ba ka feleletsa ba inyatsa. Mme batsadi ba ba botlhale ba beela bana ba bone melao e bile ba ba ruta go e reetsa.

“Bana ba tlhoka go rutiwa gore ba direng le gore ba se ka ba dirang gore ba kgone go nna bagolo ba ba nang le maikarabelo. Bana ba ba sa kgalemelweng ba tshwana le sekepe se o sa kgoneng go se laola, ba feleletsa ba dule mo tseleng.”—Pamela.

SE O KA SE DIRANG

O se ka wa bua selo, o bo o sa se dire. Fa ngwana a tlodile molao, mo otlhaye. Mme ka fa letlhakoreng le lengwe, fa a ikobela melao, mo akgole.

“Bana ba gone jaanong ga ba reetse, ka jalo, ke akgola banake fa ba ntheetsa. Seo se dira gore go nne motlhofo gore fa ke ba kgalemela, ba reetse.”—Christine.

BAEBELE YA RE: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”—Bagalatia 6:7.

Akanya pele. Fa o kgalemela ngwana, akanyetsa dilo tse di jaaka phoso e a e dirileng, dingwaga tsa gagwe le gore a o tla tlhaloganya gore o kgalemelelwa eng. Otlhaya ngwana go ya ka phoso e a e dirileng, ka sekai, fa ngwana a sa dirise founo sentle, o ka nna wa e tsaya mo go ene ka nakonyana e e rileng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o se ka wa tenwa ke dilo tse di sa reng sepe.

“Ke leka go bona gore a ngwanake o dirile phoso ka boomo kgotsa o e dirile a sa lemoge. Go na le pharologanyo fa gare ga motho yo o tlwaetseng go dira selo se se phoso le motho yo o dirang phoso a sa lemoge mme a tlhoka fela go e bontshiwa.”—Wendell.

BAEBELE YA RE: “Lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.”—Bakolosa 3:21.

Rata bana ba gago. Fa bana ba itse gore batsadi ba bone ba a ba rata, go nna motlhofo gore ba reetse fa ba kgalemelwa.

“Fa mosimane wa rona a dirile phoso, re ne re mmolelela gore re motlotlo ka ditshwetso tse dintle tse a di dirileng mo nakong e e fetileng. Re ne re mo tlhalosetsa gore phoso eno ga e phimole dilo tse dintle tse a di dirileng fa fela a ka e baakanya e bile re tla mo thusa fa go tlhokega.—Daniel.

BAEBELE YA RE: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi.”—1 Bakorintha 13:4.