Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO THUSA BA BA SWETSWENG

Se o Ka se Solofelang

Se o Ka se Solofelang

Le fa baitse ba re go na le maikutlo a a rileng a batho ba ba tlhokafaletsweng ba fetang mo go one, batho ga ba hutsafale ka tsela e e tshwanang. A mme seo se raya gore motho yo o sa bontsheng gore o utlwile botlhoko kgotsa yo o swelang mo teng, ga a a hutsafala? Ga go a nna jalo. Le fa go thusa go amogela le go bontsha gore o utlwile botlhoko, re ka se re go na le tsela e le nngwe fela ya go hutsafala. Gantsi go ikaegile ka tsela e motho a godisitsweng ka yone, botho jwa gagwe, maitemogelo a gagwe mo botshelong le gore motho yo a mo ratang o tlhokafetse jang.

O TLILE GO IKUTLWA JANG?

Batho ba ba tlhokafaletsweng ba ka tswa ba sa itse gore go tla diragalang fa nako e ntse e tsamaya. Le fa go ntse jalo, go na le maikutlo a gantsi batho ba ba tlhokafaletsweng ba a tleng ba nne le one. Ka sekai:

Go tlelwa ke maikutlo a a farologaneng. Motho yo o tlhokafaletsweng a ka lela thata, a tlhoafalela motho yo o tlhokafetseng e bile maikutlo a gagwe a ka fetofetoga. Gape maikutlo a ka isiwa magoletsa ke go bona sengwe se se mo gopotsang motho yoo le go lora ka ene. Fa a bolelelwa la ntlha gore motho yoo o tlhokafetse, a ka nna a gakgamala le go sa dumele se a se utlwang. Tiina o gopola tsela e a ileng a tsiboga ka yone fa a bolelelwa gore monna wa gagwe e bong Timo o tlhokafetse, a re: “Ke ne ke sa itse gore ke direng. Kwa tshimologong ga ke a ka ka lela. Pelo ya me e ne e le botlhoko thata mo ke neng ke sa kgone le go hema. Ke ne ke sa dumele se se diragetseng.”

Go tshwenyega thata, go galefa le go ipona molato. Ivan a re: “Fa mosimane wa rona yo o neng a na le dingwaga di le 24 e bong Eric a sena go tlhokafala, nna le mosadi wa me e bong Yolanda re ne re galefile tota! Re ne re maketse ka gore e ne e le la ntlha re nna le maikutlo a a ntseng jalo. Re ne re ikutlwa molato ka gonne re tsaya gore re paletswe ke go thusa ngwana wa rona.” Alejandro le ene o ile a ikutlwa ka tsela e e tshwanang fa mosadi wa gagwe a sena go tlhokafala morago ga go lwala lobaka lo loleele. A re: “Kwa tshimologong ke ne ke tsaya gore fa Modimo a kgona go ntlogelela gore ke utlwe botlhoko ka tsela eno, go raya gore ga ke a siama. Mme morago ke bo ke ikwatlhaela gore ke ile ka pega Modimo molato ka selo se se diragetseng.” Kostas yo re buileng ka ene kwa tshimologong a re: “Ka dinako tse dingwe ke ne ke galefela Sophia go bo a ntlogetse. Mme morago ke tla bo ke ikwatlhaela go bo ke ikutlwa ka tsela eo ka gonne e ne e se molato wa gagwe go bo a tlhokafetse.”

Go dira dilo tse di sa tlwaelegang. Ka dinako tse dingwe motho yo o tlhokafaletsweng a ka nna a akanya ka dilo tse di seyong. Ka sekai, a ka nna a akanya gore o kgona go bua le motho yo o tlhokafetseng, go mo tshwara le go mmona. Gape go ka nna thata gore a tlhome mogopolo mo go se a se dirang kgotsa go lebala thata. Tiina a re: “Ka dinako tse dingwe ke tla bo ke bua le motho mme tlhaloganyo ya me e bo e simolola go akanya ka dilo tse di diragetseng pele Timo a tlhokafala. Kgang eno e ne e ntshwenya thata.”

Go batla go nna o le nosi. Motho yo o tlhokafaletsweng a ka nna a selekega kgotsa a se nnisege fa a na le batho. Kostas a re: “Ke ne ke sa rate go nna le batho ba ba nyetseng gape ke sa rate go nna le batho ba ba sa nyalang.” Yolanda a re: “Ke ne ke sa rate go nna mo gare ga batho ba ba ngongoregang ka mathata a bone a ke neng ke tsaya gore ga a makalo fa a bapisiwa le a rona! Gape go ne go se monate go utlwa batsadi ba bangwe ba bua ka bana ba bone. Ke ne ke itumela le bone mme go le thata go ba reetsa. Nna le monna wa me re ne re itse gore re tshwanetse go tswelela ka botshelo, mme re ne re sa kgone.”

Mathata a botsogo. Go tlwaelegile gore batho ba ba tlhokafaletsweng ba felelwe ke keletso ya dijo, mmele wa bone o fokotsege le go palelwa ke go robala sentle. Aaron o gopola se se ileng sa direga ngwaga morago ga gore rraagwe a tlhokafale, a re: “Ke ne ke palelwa ke go robala. Ke ne ke tlhola ke tsoga mo gare ga bosigo ke akanya ka loso lwa ga rre.”

Alejandro o ile a simolola go nna le mathata a botsogo a a neng a sa a tlhaloganye. A re: “Ke ile ka ya ngakeng makgetlo a le mmalwa mme e ile ya mpolelela gore ga ke lwale. Ke ne ke belaela gore go hutsafala ke gone go dirang ke ikutlwe e kete ke a lwala.” Fa nako e ya Alejandro o ile a tlogela go ikutlwa ka tsela eo. Mme gone Alejandro o dirile sentle go ya go bona ngaka. Go hutsafala thata go ka koafatsa mmele, ga gakatsa bolwetse jo motho a setseng a na le jone kgotsa ga tsosa malwetse a mangwe a masha.

Go sa kgone go dira dilo tsa botlhokwa. Ivan a re: “Fa Eric a sena go tlhokafala, re ile ra tshwanelwa ke go bolelela ba losika, ditsala, mothapi wa gagwe le motho yo a neng a hirile kwa go ene. Gape go na le dipampiri tsa semolao tse re neng re tshwanetse go di tlatsa. Mo godimo ga moo, re ne re tlhoka go rulaganya dilo tsa gagwe. Dilo tseno tsotlhe di ne di tlhoka gore re tlhome mogopolo mo go tsone mme ka nako eo re ne re lapile mo tlhaloganyong, mo mmeleng le mo maikutlong.”

Mathata a batho ba bangwe a tla fa ba tshwanelwa ke go dira dilo tse di neng di dirwa ke motho yo o tlhokafetseng. Tiina a re: “Timo ke ene a neng a tlhokomela diakhaonto tsa banka le dilo tse dingwe tse di amanang le kgwebo ya rona. Ke ile ka tlhoka go dira dilo tseo mme di ile tsa oketsa mathata a ke neng ke na le one. Ke ne ke ipotsa gore a ke tla di kgona.”

Dilo tse re setseng re tlotlile ka tsone mo setlhogong seno di re thusa go lemoga gore ga go motlhofo go tswelela ka botshelo fa o tlhokafaletswe. Motho yo o tlhokafaletsweng a ka utlwa botlhoko thata mme go itse dilo tse re tlotlileng ka tsone go ka thusa batho ba ba sa tswang go tlhokafalelwa gore ba kgone go leka go tswelela ka botshelo. Ga se gore dilo tsotlhe tse re tlotlileng ka tsone fano di tla diragalela mongwe le mongwe yo o tlhokafaletsweng. Mme batho ba ba tlhokafaletsweng ba ka gomodiwa ke go itse gore ga go na sepe se se phoso ka maikutlo a ba nang le one.

A KE TLA TLHOLA KE ITUMELA GAPE?

Se o ka se lebelelang: Botlhoko jo motho a bo utlwang fa a tlhokafaletswe ga bo nnele ruri, fa nako e ntse e ya bo a okobala. Seo ga se reye gore kutlobotlhoko eo e tla fela kgotsa gore o tla lebala ka motho yo o tlhokafetseng. Mme gone, botlhoko joo bo tla okobala ka iketlo. Botlhoko joo bo ka boa gape fa go tlhaga sengwe se se go gopotsang motho yoo kgotsa ka letsatsi lengwe le le kgethegileng le lo neng lo le keteka mmogo. Mme fa nako e ntse e ya, batho ba bantsi ba a tlwaela ba bo ba kgona go tswelela ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi. Gantsi batho ba ba ntseng jalo ba thusiwa ke ba losika le ditsala e bile bone ka bobone ba dira sengwe gore ba kgone go itshoka.

Go tlile go tsaya lobaka lo lo kae? Bangwe go ba tsaya dikgwedi gore botlhoko joo bo okobale. Mme bontsi bo tsaya dingwaga di ka nna pedi pele ba ikutlwa botoka. Ba bangwe go ba tsaya lobaka lo loleele. a Alejandro a re ene go mo tsere dingwaga tse tharo.

Se iphelele pelo. Se leke go dira dilo di le dintsi ka nako e le nngwe mme itse gore fa nako e ntse e ya botlhoko joo bo tla okobala. Mme potso ke gore, a go na le dilo tse o ka di dirang gone jaanong go okobatsa kutlobotlhoko ya gago le go go thusa gore o se ka wa hutsafala lobaka lo loleele?

Ga go phoso go utlwa botlhoko fa re tlhokafaletswe

a Go na le batho ba ba ka utlwang botlhoko thata ka lobaka lo loleele mo ba feleletsang ba lwala. Batho ba ba ntseng jalo ba tlhoka go bona dingaka tsa malwetse a tlhaloganyo.