Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 2

Mo Rute go Nna Boikokobetso

Mo Rute go Nna Boikokobetso

MOTHO YO O BOIKOKOBETSO O NTSE JANG?

Motho yo o ikokobeditseng o tlotla batho ba bangwe. Ga a nyatse batho e bile ga a lebelele gore ba mo tseele kwa godimo go sa tlhokege. Ga a nagane gore o itse sengwe le sengwe.

Batho ba na le go akanya gore motho yo o ikokobeditseng o bokoa. Mme seo ga se nnete ka gore motho yo o ikokobeditseng o a itse gore le ene o kgona go dira diphoso e bile ga a lebelela gore batho ba bangwe ba dire dilo tse ba sa di kgoneng.

GORENG NGWANA A TLHOKA GO RUTIWA BOIKOKOBETSO?

  • Batho ba rata motho yo o ikokobeditseng. Buka ya The Narcissism Epidemic ya re: “Motho yo o sa itseeleng kwa godimo o utlwana le batho” ka gonne “o kgona go tlotla le mongwe le mongwe.”

  • Ngwana yo o sa itseeleng kwa godimo o kgona go atlega mo botshelong. Fa ngwana a se mabela, go tla nna motlhofo gore a bone tiro fa a godile. Dr. Leonard Sax a re: “Fa ngwana a itseela kwa godimo thata e bile a akanya gore ene a ka se palelwe ke sepe, a ka nna le bothata ka nako ya fa a bodiwa dipotso pele a hiriwa. Mme ngwana yo o reetsang fa a bodiwa dipotso a bo a di araba sentle, go nna motlhofo gore a hiriwe.” *

O KA RUTA JANG NGWANA GO NNA BOIKOKOBETSO?

Thusa ngwana gore a se ka itseela kwa godimo mme gone a se ka a inyatsa.

BAEBELE YA RE: “Fa mongwe a akanya gore o sengwe fa a se sepe, o tsietsa mogopolo wa gagwe.”—Bagalatia 6:3.

  • Se rute ngwana go ijesa dijo tsa ditoro. Mafoko a a jaaka “O ka se palelwe ke sepe mo botshelong” le “O ka kgona go nna sengwe le sengwe fela se o se batlang mo botshelong,” a ka tswa a buiwa e le go leka go kgothatsa ngwana, mme gantsi a dira gore a ijese dijo tsa ditoro. Ngwana a ka atlega mo botshelong fa fela a bereka ka thata.

  • Mo akgole fa a dirile sengwe se sentle. Ngwana yo o tlholang a akgolwa fela le fa a sa dira sepe se sentle, o feleletsa a le mabela. Mme gone fa ngwana a dirile sengwe se sentle, mo akgole.

  • Thusa ngwana gore a se ka a fetsa nako e ntsi mo Internet. Gantsi batho ba mo Internet ba kgothaletsa batho go nna mabela ka gonne ba rata go bua thata ka dilo tse ba kgonang go di dira le tse ba di fitlheletseng.

  • Ruta ngwana gore a ithute go kopa maitshwarelo. Ruta ngwana gore fa a dirile phoso, a e amogele e bile a kope maitshwarelo ka bonako.

Mo rute go leboga.

BAEBELE YA RE: “Itshupeng lo na le tebogo.”—Bakolosa 3:15.

  • Mo rute go leboga Modimo ka dilo tse a di bopileng. Bana ba tshwanetse go rutiwa gore ba leboge Modimo ka dilo tsa tlholego tse di jaaka mowa, metsi le dijo. Ba rute gore dilo tsotlhe tse dintle tse ba di bonang mo lefatsheng, di dirilwe ke Modimo.

  • Mo rute go rata batho. Ruta ngwana gore go na le dilo tse batho ba bangwe ba kgonang go di dira tse ene a sa kgoneng go di dira le gore a se ka a fufegela batho go na le moo, a ithute mo go bone.

  • Mo rute go leboga. Ruta ngwana gore fa a newa selo, a se ka a lebala go leboga. Motho yo o lebogang ga a nne mabela.

Ruta ngwana botlhokwa jwa go thusa batho ba bangwe.

BAEBELE YA RE: “Ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona, lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”—Bafilipi 2:3, 4.

  • Ruta ngwana tiro ya mo lapeng. Fa o raya ngwana wa gago o re ga a tlhoke go go thusa ka tiro ya mo gae, a ka feleletsa a akanya gore o botlhokwa thata. Mo rute gore tiro ya mo lapeng e tshwanetse go dirwa pele a ya go tshameka. Mo tlhalosetse gore fa a dira tiro e a e neilweng, o thusa ba bangwe e bile o thusa gore dilo di tsamaye sentle mo lapeng.

  • Mo rute gore fa a bona motho a tlhoka thuso, a mo thuse. Fa ngwana a thusa batho ba bangwe, seo se bontsha gore o godisitswe sentle. Ka jalo, mo rute gore a kgone go lemoga batho ba ba tlhokang thuso mme a ba thuse. Mo tlhalosetse gore a ka ba thusa jang. Mo akgole fa o mmona a thusa ba bangwe.

^ ser. 8 Go tswa mo bukeng ya The Collapse of Parenting.