Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

ITUMELELE BOTSHELO O SE NA SETERESE

A o Na le Seterese?

A o Na le Seterese?

“Gone ga gona motho yo o se nang seterese mme nna ke akanya gore ke na le seterese go gaisa batho botlhe. Ke tlhagetswe ke dilo tse dintsi thata tse di dirang gore ke nne le seterese, sengwe sa tsone ke go tshwanelwa ke go tlhokomela monna wa me ka gonne o golafetse e bile o latlhegetswe ke tlhaloganyo.”—Jill. *

“Mosadi wa me o ile a ntlogela mme ke ne ka tshwanelwa ke go godisa bana ba me ke le nosi. Go ne go le thata tota. Mo godimo ga moo, ke ile ka latlhegelwa ke tiro mme ke ne ke se na madi a go baakanya koloi ya me. Ke ne ke sa itse gore ke dire eng. Ke ne ke nna ke tshwenyegile fela thata. Ke ne ke itse gore go phoso go ipolaya, ka jalo, ke ne ka kopa Modimo gore bogolo a ntlogele ke swe.”—Barry.

A le wena o a tle o ikutlwe o na le seterese jaaka Jill le Barry? Fa ele gore go ntse jalo, e kete ditlhogo tse di latelang di ka go thusa e bile tsa go gomotsa. Ditlhogo tse di latelang di tla tlotla ka dilo tse di tlwaelegileng tse di dirang gore batho ba nne le seterese le gore seterese se ka go ama jang, gape di tla re bontsha gore ke eng se re ka se dirang go fokotsa go nna le seterese.

^ ser. 3 Maina a fetotswe.