Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgakololo e e Dirang Gore o Itumelele Botshelo

Kgakololo e e Dirang Gore o Itumelele Botshelo

“Le fa gone ke utlwisiwa botlhoko ke go bona dilo tse di bosula tse di jaaka dintwa, khumanego, malwetse, le go bona bana ba sa tshwarwe sentle mo lefatsheng, ke na le tsholofelo.”—RANI. *

Rani o ne a itumela thata fa a ne a ithuta gore Mmopi wa rona a ka re naya botlhale. Fa o ntse o bala ditlhogo tse di mo makasineng ono, bona gore di ka go thusa jang go . . .

  • nna le lelapa le le itumetseng

  • tshela ka kagiso

  • itumela le go kgotsofalela se o nang le sone

  • tlhaloganya lebaka la go bo re boga re bo re swa

  • dumela gore Mmopi wa rona o tlile go fedisa bosula jotlhe le go dira gore re itumelele botshelo

  • itse Mmopi wa rona le go nna tsala ya gagwe

Gape o tla ithuta gore Mmopi wa rona ga a neye fela batho ba ba rileng botlhale le gore o bo naya batho botlhe.

^ ser. 2 Maina a fetotswe mo makasineng ono.