Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Nna Botlhale

O ka Kgona go Nna Botlhale

“Dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo Dikwalong Tse di Boitshepo di tswa kwa Modimong.” (2 Timotheo 3:16) Seo se raya gore Modimo Mothatayotlhe o ne a tsenya dikgopolo tsa gagwe mo megopolong ya bakwadi ba Baebele.

Jehofa o Batla Gore Botlhale Jwa Gagwe bo go Solegele Molemo

‘Nna Jehofa, ke . . . go ruta gore o tshele ka tsela e e tla go tswelang mosola, ene yo o go kaelang tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Fa fela o ka tlhwaela ditaelo tsa me tsebe, kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago e ne e tla nna jaaka makhubu a lewatle.’—ISAIA 48:17, 18.

Mo temaneng eno, Modimo o bua le wena ka namana. O batla gore o nne le kagiso le gore o ikutlwe o itumetse, mme ke ene fela a ka go thusang go ikutlwa jalo.

Modimo o Batla Gore o Nne Botlhale

“Gape, dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa pele mo ditšhabeng tsotlhe.”MAREKO 13:10.

“Dikgang tse di molemo” tseno, di akaretsa ditsholofetso tse Modimo a re solofeditseng tsone tsa go dira lefatshe paradaise, go tsosa baratiwa ba rona ba ba tlhokafetseng le go dira gore batho ba se ka ba tlhola ba boga. Basupi ba ga Jehofa ba rera dikgang tseno tse di molemo mo lefatsheng lotlhe.