Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Didirisiwa Tsa Ileketeroniki di Ama Jang Botsala Jwa Gago le Batho Ba Bangwe?

Didirisiwa Tsa Ileketeroniki di Ama Jang Botsala Jwa Gago le Batho Ba Bangwe?

Batho ba kgona go bua le fa ba sa nne mo lefelong le le lengwe, ba dirisa social media, melaetsa, di-email le videoconferencing. Ka jalo, ba dirisa didirisiwa tseno ka tsela e e siameng.

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba dirisang didirisiwa tsa ileketeroniki fela go bua le ditsala tsa bone, ba feleletsa ba . . .

  • sa tlhaloganye tsela e ditsala tsa bone di ikutlwang ka yone.

  • ikutlwa ba le nosi, e kete ga go na ope yo o ba kgathalelang.

  • feleletsa ba ikakanyetsa ba le nosi e bile ba sa akanyetse ba bangwe.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

GO UTLWELA BA BANGWE BOTLHOKO

Fa re le kutlwelobotlhoko, re tla tlogela se re se dirang re bo re reetsa ba bangwe re le pelotelele. Mme go ka nna thata go dira seo, fa e le gore difouno tsa rona di tsenya melaetsa e mentsi.

Fa nako e ntse e ya, go ka nna thata gore re arabe ditsala tsa rona fa ba re tlhoka. Gape re ka nna ra simolola go araba melaetsa fela ka gonne re batla go fokotsa melaetsa e e tsenang mo di founong tsa rona.

SE O KA AKANYANG KA SONE: Fa o araba melaetsa o dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki, o ka bontsha jang ditsala tsa gago gore o a di kgathalela?—1 PETERE 3:8.

GO IKUTLWA O LE ESI

Dipatlisiso di bontsha gore fa batho ba se na go tsena mo social media ba tswa ba sa itumela. Gape di bontsha gore fa batho ba tswa mo social media ba ikutlwa ba kgobegile marapo, “e kete ba sentse nako ya bone.”

Gantsi fa ba se na go leba dinepe tsa ditsala tsa bone mo social media, ba ipapisa le bone. Gape ba akanya gore botshelo jwa bone bo a bora.

SE O KA AKANYANG KA SONE: Fa o tsene mo social media, o ka tila jang go ipapisa le batho ba bangwe? —BAGALATIA 6:4.

GO IKAKANYETSA O LE NOSI

Morutabana mongwe a re kwa a rutang teng, bana ba le bantsi fa ba tlhopha ditsala ba a bo ba akantse ka gore ditsala tsa bone di tla ba direla eng. * Motho yo e rileng fa a tlhopha ditsala a bo a akanya jalo, a ka ya fela kwa ditsaleng tsa gagwe fa a tlhoka sengwe mme fa a sa tlhoke sepe, a ka ba itlhokomolosa.

SE O KA AKANYANG KA SONE: A ditshwantsho tsa gago tse o di tsenyang mo social media di bontsha gore o ikakanyetsa o le nosi kgotsa di bontsha gore o ipapisa le batho ba bangwe? —BAGALATIA 5:26.

SE O KA SE DIRANG

ELA TLHOKO GO RE O DIRISA JANG DIDIRISIWA TSA ILEKETERONIKI

Fa e le gore o di dirisa sentle o tla tswelela o na le ditsala e bile o tla atamalana thata le tsone.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Motho yo o lorato . . .ga a dire se se tswelang ene mosola fela.”—1 BAKORINTHA 13:4, 5.

Tlhopha dikakantsho tse o batlang go di dirisa kgotsa kwala se o batlang go se dira.

  • Bua le batho ka namana (go na le go bua le bone o dirisa melaetsa kgotsa di-email)

  • Fa o bua le batho ba bangwe, baya founo ya gago kwa thoko (kgotsa o dire gore e se ka ya go itaya tsebe)

  • Fokotsa nako e o fetsang o tsene mo social media, o lebile ditshwantsho tsa batho kgotsa se batho ba bangwe ba se dirang

  • Reetsa batho ba bangwe fa ba bua le wena

  • Founela tsala ya gago e o itseng gore e tlhoka go gomodiwa

^ ser. 17 Go tswa mo bukeng ya Reclaiming Conversation.