Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Didirisiwa Tsa Ileketeroniki di Ama Jang Tsela e o Akanyang ka Yone?

Didirisiwa Tsa Ileketeroniki di Ama Jang Tsela e o Akanyang ka Yone?

Batho ba nna fela ba ithuta, ba ka tswa ba ithuta kwa sekolong, kwa tirong kgotsa ba ithutela go dira dilo dingwe. Didirisiwa tsa ileketeroniki di ka go thusa fa o ithuta. Di dirile gore go nne motlhofo go bona tshedimosetso e o e batlang.

Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ba dirisang didirisiwa tsa ileketeroniki thata, ba . . .

  • palelwa ke go tlhoma mogopolo fa ba bala.

  • iteega tsebe motlhofo.

  • palelwa ke go nna ba le esi.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

GO BALA

Batho bangwe ba fetisa matlho fela kgotsa ba balela ka bonako gore ba kgone go bona dintlha tsa botlhokwa.

Go dira jalo go a thusa fa e le gore o tlhoka go bona karabo ka bonako. Mme go ka dira gore go se ka ga nna bonolo gore o tlhaloganye se o se badileng.

SE O KA AKANYANG KA SONE: A o kgona go bala melaetsa e meleele? Goreng o ka kgona go ithuta dilo di le dintsi fa o bala o iketlile?—DIANE 18:15.

GO TLHOMA MOGOPOLO

Batho bangwe ba re didirisiwa tsa ileketeroniki di ba thusa go itaya dinonyane di le pedi la letlapa le le lengwe. Ka sekai, di dira gore ba kgone go kwalela ditsala tsa bone melaetsa mme ba tla ba ithuta. Boammaaruri ke gore fa re leka go dira dilo di le pedi ka nako e le nngwe ga re ka ke ra kgona go di dira sentle, segolobogolo fa e le dilo tse re tlhokang go tlhoma mogopolo mo go tsone.

Go tlhoma mogolo ga go motlhofo mme go tla dira gore re kgone go ithuta. Mosha mongwe yo o bidiwang Grace a re: “Fa o dira selo se le sengwe ka nako e le nngwe, ga o kitla o dira diphoso di le dintsi e bile ga o kitla o nna le seterese. Ke ithutile gore go botlhale go tlhoma mogopolo mo selong se le sengwe ka nako e le nngwe.”

SE O KA AKANYANA KA SONE: A di dirisiwa tsa ileketeroniki di dira gore go nne thata go tlhoma mogopolo le go gopola se o se ithutileng?—DIANE 17:24.

FA O LE ESI

Batho bangwe ga ba kgone go nna ba le esi, ka jalo, ba dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki go ba ntsha bodutu. Mosadi mongwe yo o bidiwang Olivia a re: “Ga ke kgone go nna ke sa tlhole founo ya me, tablet kgotsa ke sa lebelele TV.”

Nako eo e o e fetsang o le esi o ka e dirisetsa go akanya ka dilo tse o di ithutileng. Nnete ke gore go dira jalo ga go solegele bana molemo fela mme go solegela le bagolo.

SE O KA AKANYANG KA SONE: Fa o le esi, a o dirisetsa nako eo go akanya?—1 TIMOTHEO 4:15.

SE O KA SE DIRANG

TLHATLHOBA TSELA E O DIRISANG DIDIRISIWA TSA ILEKETERONIKI KA YONE

Didirisiwa tsa ileketeroniki di ka go thusa jang go ithuta dilo di le dintsi? Di ka go itaya tsebe jang fa o ithuta?

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Sireletsa botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya.”—DIANE 3:21.