Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEFATSHE LE TLHAKATLHAKANE

1 | Tlhokomela Botsogo Jwa Gago

1 | Tlhokomela Botsogo Jwa Gago

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Mathata kgotsa masetlapelo a re ama ka ditsela tse di farologaneng.

  • Fa batho ba diragalelwa ke dilo tse di bosula ba nna le seterese. Gantsi batho ba ba nnang ba na le seterese ba a lwala.

  • Mathata le masetlapelo a ka dira gore go nne thata gore dipatela di tlhokomele balwetse ba bantsi. Gape a ka dira gore go se ka ga nna le melemo e e lekaneng.

  • Mathata a dira gore batho ba se ka ba kgona go duelela dilo tse ba di tlhokang jaaka dijo le melemo.

Se o Tlhokang go se Itse

  • Bolwetse le seterese di ka dira gore o se ka wa itlhokomela sentle ka ntlha ya seo, o ka lwala le go feta.

  • Fa o sa itlhokomele o ka lwala thata, o bo o tsenya botsogo jwa gago mo kotsing.

  • Fa o itlhokomela sentle o tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng le fa go na le mathata.

  • Le fa o ka tswa o humile kana o humanegile o ka kgona go tlhokomela botsogo jwa gago.

Se o Ka se Dirang Gone Jaanong

Fa go kgonega, motho yo o botlhale o akanya ka dikotsi a bo a dira sengwe se se ka mo thusang gore a se ka a tsena mo go tsone. Botsogo jwa motho bo ntse fela jalo. Gantsi o ka kgona go dira gore o se ka wa lwala ka go tlhapa le go dira gore ntlo ya gago e nne e le phepa. Ditlamelwana tsa pula di baakanngwa go sale gale.

“Fa re nna re le phepa e bile motse wa rona o nna o le phepa, go dira gore re se ka ra ya ngakeng thata.”​—Andreas. a

a Maina mangwe mo makasineng ono a fetotswe.