Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 1

Popo go ya Morwaleleng

Popo go ya Morwaleleng

Magodimo le lefatshe di tswa kae? Letsatsi, ngwedi le dinaledi mmogo le dilo tse dingwe tse dintsi tse di mo lefatsheng di nnile gone jang? Baebele e re naya karabo e e boammaaruri fa e re di bopilwe ke Modimo. Ka jalo, buka ya rona e simolola ka dipolelo tsa Baebele tse di buang ka popo.

Re ithuta gore popo ya ntlha ya Modimo e ne e le batho ba semoya ba ba batlileng ba tshwana le ene. Baengele. Mme lefatshe le ne le bopetswe batho ba ba tshwanang le rona. Ka jalo, Modimo o ile a bopa monna le mosadi ba ba bidiwang Adame le Efa mme a ba baya mo tshimong e ntle. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba utlwa Modimo, mme ba ne ba latlhegelwa ke tshwanelo ya go tswelela ba tshela.

Fa dingwaga tseno tsotlhe di kopanngwa, go simolola ka go bopiwa ga ga Adame go fitlha ka nako ya Morwalela o mogolo, ke dingwaga di le 1 656. Go na le batho ba le bantsi ba ba bosula ba ba ileng ba tshela ka nako eo. Kwa legodimong, go ne go na le batho ba ba sa bonaleng ba semoya, Satane le baengele ba gagwe ba ba bosula. Mo lefatsheng, go ne go na le Kaine le batho ba bangwe ba bantsi ba ba bosula go akaretsa le banna bangwe ba ba neng ba le maatla ka tsela e e sa tlwaelegang. Mme gone, go ne go na le batho ba ba siameng mo lefatsheng—Abele, Enoke le Noa. Mo Karolong ya NTLHA re tlile go bala ka batho bano botlhe le ditiragalo dingwe.

 

MO KAROLONG ENO

POLELO 1

Modimo o Simolola go Bopa Dilo

Polelo ya popo e e mo bukeng ya Genesise e motlhofo go tlhaloganngwa e bile e a kgatlha—tota le mo baneng.

POLELO 2

Tshingwana e Ntle

Buka ya Genesise ya re Modimo o ne a dira gore tshingwana ya Edene e nne lefelo le le kgethegileng. O batla gore lefatshe lotlhe le nne lentle fela jaaka tshingwana eo.

POLELO 3

Monna le Mosadi wa Ntlha

Modimo o ne a bopa Adame le Efa mme a ba baya mo tshingwaneng ya Edene. Ke bone banyalani ba ntlha.

POLELO 4

Lebaka La go Bo ba Latlhegetswe ke Legae la Bone

Buka ya Baebele ya Genesise e tlhalosa gore paradaise ya kwa tshimologong e ne ya latlhega jang.

POLELO 5

Botshelo jo bo Boima bo a Simologa

Adame le Efa ba ne ba lebana le mathata a mantsi kwa ntle ga tshingwana ya Edene. Fa ba ka bo ba ile ba ikobela Modimo, botshelo jwa bone le bana ba bone bo ka bo itumedisa.

POLELO 6

Morwa yo o Molemo, Le yo O Bosula

Polelo ya ga Kaine le Abele e e mo go Genesise e re ruta gore re tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe—le gore ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go bo fetola pele go nna thari.

POLELO 7

Monna yo o Pelokgale

Sekao sa ga Enoke se bontsha gore o ka kgona go dira molemo le fa batho ba bangwe ba ba go dikologileng ba dira bosula.

POLELO 8

Diganka mo Lefatsheng

Genesise kgaolo 6 e bua ka diganka tse di neng di bogisa batho. Diganka tseo, tse di neng di bidiwa Banefilime, e ne e le bana ba baengele ba ba bosula ba ba neng ba tswa kwa legodimong ba tla go tshela mo lefatsheng e le batho.

POLELO 9

Noa o Aga Araka

Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba falola Morwalela ka gonne ba ne ba ikobela Modimo le fa batho ba bangwe ba ne ba sa reetse.

POLELO 10

Morwalela o Mogolo

Batho ba ne ba tshega fa Noa a ba bolelela molaetsa wa tlhagiso. Mme fa morwalela o ne o tla, setshego seo sa bone se ne sa fetoga selelo le phuranyo ya meno! Ithute kafa araka e neng ya sireletsa Noa, ba lelapa la gagwe le diphologolo tse dintsi ka gone.