Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 2

Tshingwana e Ntle

Tshingwana e Ntle

BONA lefatshe le le tshwantshitsweng fano! Ruri sengwe le sengwe se sentle! Leba bojang le ditlhare, dithunya le diphologolo tsotlhe. A o bona ditlou le ditau?

Go tlile jang gore go nne le tshingwana eno e ntle? Mma re bone kafa Modimo a ileng a re baakanyetsa lefatshe ka gone.

Sa ntlha, Modimo o ne a dira bojang jo botala gore bo khurumetse lefatshe. Go tswa foo, a dira mefuta yotlhe ya dimela le ditlhatshana le ditlhare. Dimela tseno di thusa go dira gore lefatshe le nne lentle. Mme gone di dira tiro e e fetang eo. Bontsi jwa tsone di re naya dijo tse di monatenate.

Moragonyana Modimo o ne a bopa ditlhapi tse di thumang mo metsing le dinonyane tse di fofang mo loaping. O ne a bopa dintša, dikatse le dipitse; diphologolo tse dikgolo le tse dinnye. Ke diphologolo dife tse di nnang gaufi le mo o nnang teng? Ruri re tshwanetse go itumelela go bo Modimo a re bopetse dilo tseno tsotlhe!

La bofelo, Modimo o ne a dira karolo nngwe ya lefatshe go nna lefelo le le kgethegileng thata. O ne a bitsa lefelo leno tshingwana ya Edene. E ne e na le sengwe le sengwe. Sengwe le sengwe mo go yone se ne se le sentle. Mme Modimo o ne a batla gore lefatshe lotlhe le nne jaaka tshingwana eno e ntle e a e dirileng.

A ko o lebe gape setshwantsho sa tshingwana eno. A o itse gore ke eng se Modimo a neng a bona se tlhaela mo go yone? A re bone.