Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 3

Monna le Mosadi wa Ntlha

Monna le Mosadi wa Ntlha

KE ENG se o se bonang mo setshwantshong seno se se neng se seyo mo tsebeng e e fetileng? Ke batho ba ba mo go sone. Monna le mosadi wa ntlha. Ba bopilwe ke mang? Ke Modimo. A o itse leina la gagwe? Ke Jehofa. Mme monna le mosadi yono ba ile ba bidiwa Adame le Efa.

Jehofa Modimo o ile a bopa Adame jaana. O ne a tsaya lorole lwa mmu mme a bopa mmele o o itekanetseng ka lone, mmele wa motho. Go tswa foo a bo a budulela moya mo dinkong tsa gagwe, mme Adame a tshela.

Jehofa Modimo o ne a naya Adame tiro. O ne a laela Adame gore a teye diphologolo tsotlhe tse di farologaneng maina. Adame a ka tswa a ile a fetsa nako e telele a ntse a na le diphologolo tseno, ka jalo o ile a kgona go taya nngwe le nngwe ya tsone leina le le e tshwanelang sentle. Fa Adame a ntse a taya diphologolo tseno maina, o ne a lemoga sengwe. A o itse gore ke eng?

Nngwe le nngwe ya tsone e ne e na le molekane. Go ne go na le ditlou tsa borre le tsa bommè, le ditau tsa borre le tsa bommè. Mme Adame ene o ne a se na molekane. Ka jalo, Jehofa o ne a dira gore Adame a robale boroko jo bogolo, mme a ntsha logopo mo letlhakoreng la gagwe. Jehofa o ile a dirisa logopo lono go direla Adame molekane, mme a nna mosadi wa gagwe.

Ruri Adame o ne a itumetse jaanong! Akanya fela gore Efa le ene o tshwanetse a bo a ne a itumetse jang go bo a tshela mo tshingwaneng eno e ntle! Jaanong ba ne ba ka nna le bana mme ba tshele mmogo ba itumetse.

Jehofa o ne a batla gore Adame le Efa ba tshelele ruri. O ne a batla gore ba dire gore lefatshe lotlhe le nne lentle jaaka tshingwana ya Edene. Ruri kgang eno e tshwanetse ya bo e ile ya itumedisa Adame le Efa tota! A le wena o ka bo o ile wa rata go nna le seabe mo go direng lefatshe tshingwana e ntle? Le fa go ntse jalo, boitumelo jwa ga Adame le Efa ga bo a ka jwa nnela ruri. A re bone gore go ile ga direga eng.