Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 4

Lebaka La go Bo ba Latlhegetswe ke Legae la Bone

Lebaka La go Bo ba Latlhegetswe ke Legae la Bone

BONA se se diregang jaanong. Adame le Efa ba lelekwa mo tshingwaneng e ntle ya Edene. A o itse gore ke ka ntlha yang?

Ke ka gonne ba dirile sengwe se se bosula thata. Mme Jehofa o a ba otlhaya. A o itse selo se se bosula se Adame le Efa ba se dirileng?

Ba ile ba dira sengwe se Modimo a neng a ba boleletse gore ba se ka ba se dira. Modimo o ne a ba boleletse gore ba ka ja dijo mo ditlhareng tsa tshingwana. Mme Modimo o ne a ba reile a re ba se ka ba ja leungo la setlhare sengwe, ka gonne ba ne ba tla swa. Setlhare seo e ne e le sa gagwe. Re a itse gore go phoso go tsaya selo sa motho yo mongwe, a ga go jalo? Jaanong go ne ga direga eng?

Letsatsi lengwe fa Efa a le esi mo tshingwaneng, noga e ne ya bua le ene. Akanya fela! E ne ya bolelela Efa gore a je leungo la setlhare se Modimo a neng a rile ba se ka ba le ja. Mme gone, fa Modimo a ne a dira dinoga, o ne a sa di dira gore di kgone go bua. Ka jalo, seno se raya gore mongwe o ne a dira gore noga e kgone go bua. E ne e le mang?

E ne e se Adame. Ka jalo, e tshwanetse ya bo e ne e le mongwe wa batho ba Modimo a neng a ba bopa bogologolo pele a bopa lefatshe. Batho bao ke baengele, mme ga re ka ke ra kgona go ba bona. Moengele yo mongwe o ne a nna boikgogomoso thata. O ne a simolola go akanya gore a ka busa batho jaaka Modimo. Mme o ne a batla gore batho ba obamele ene go na le go obamela Jehofa. Ke ene moengele yo o neng a dira gore noga e bue.

Moengele yono o ne a kgona go tsietsa Efa. Fa a ne a bolelela Efa gore o tla tshwana le Modimo fa a ka ja leungo leo, Efa o ne a dumela. Ka jalo, o ne a le ja, mme Adame le ene a le ja. Adame le Efa ba ne ba se ka ba ikobela Modimo, ke ka lebaka leo ba ileng ba latlhegelwa ke legae la bone le lentle.

Mme letsatsi lengwe Modimo o tla dira gore lefatshe lotlhe le nne lentle jaaka tshingwana ya Edene. Moragonyana re tla ithuta kafa o ka nnang le seabe ka gone mo tirong eno. A jaanong re bone se se ileng sa diragalela Adame le Efa.