Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 6

Morwa yo o Molemo, Le yo O Bosula

Morwa yo o Molemo, Le yo O Bosula

BONA Kaine le Abele. Jaanong botlhe ba setse ba godile. Kaine ke molemi. O lema mabele, maungo le merogo.

Abele ke morui wa dinku. O rata go tlhokomela dikonyana. Di a gola di bo di nna dinku tse ditona, mme go ise go ye kae Abele o nna le letsomane le legolo la dinku le a tshwanetseng go le tlhokomela.

Letsatsi lengwe Kaine le Abele ba isetsa Modimo mpho. Kaine o isa dingwe tsa dijo tse a di lemileng. Mme Abele o isa nku e e gaisang tsotlhe tse a nang le tsone. Jehofa o itumelela Abele le mpho ya gagwe. Mme ga a itumelele Kaine le mpho ya gagwe. A o itse gore ke ka ntlha yang?

Ga se fela gore mpho ya ga Abele e gaisa ya ga Kaine. Ke ka gonne Abele ke monna yo o molemo. O rata Jehofa le mogoloe. Mme Kaine ene o bosula; ga a rate monnawe.

Ka jalo, Modimo o bolelela Kaine gore a fetole ditsela tsa gagwe. Mme Kaine ga a reetse. O galefile thata ka gonne Modimo a rata Abele thata. Ka jalo, Kaine o raya Abele a re, ‘A re ye kwa nageng.’ Fa ba le babedi koo, Kaine o itaya monnawe e bong Abele. O mo itaya fela thata a bo a mmolaya. Ke bosetlhogo se Kaine a neng a se dira, a ga go jalo?

Le fa gone Abele a ile a swa, Modimo o sa ntse a mo gakologelwa. Abele o ne a le molemo, mme Jehofa ga a ka ke a lebala motho yo o ntseng jalo. Ka jalo, letsatsi lengwe Jehofa Modimo o tla tsosa Abele. Ka nako eo Abele ga a kitla a tlhola a swa gape. O tla kgona go tshelela ruri mo lefatsheng. Ruri go tla nna monate go itse batho ba ba tshwanang le Abele.

Mme gone Modimo ga a itumedisiwe ke batho ba ba tshwanang le Kaine. Ka jalo, fa Kaine a sena go bolaya monnawe, Modimo o ne a mo otlhaya ka go mo lelekela kgakala le ba lelapa la gaabo. Fa Kaine a ne a ya go nna kwa karolong e nngwe ya lefatshe, o ne a tsaya mongwe wa bokgaitsadie mme a nna mosadi wa gagwe.

Fa nako e ntse e ya, Kaine le mosadi wa gagwe ba ne ba tshola bana. Bangwe ba barwa le barwadi ba ga Adame le Efa ba ne ba nyalana, mme le bone ba tshola bana. Go ise go ye kae, batho ba ne ba nna bantsi mo lefatsheng. A re ithute ka bangwe ba bone.