Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 8

Diganka mo Lefatsheng

Diganka mo Lefatsheng

FA O ne o ka bona mongwe a tla kwa go wena a le moleele mo a kgomang siling ya ntlo ya gaeno, o ne o tla akanya eng? Motho yoo e ne e tla bo e le seganka! Nako nngwe go ne go na le diganka mo lefatsheng. Baebele e bontsha gore borraabone e ne e le baengele ba ba tswang kwa legodimong. Mme gone seo se ka direga jang?

Se lebale gore moengele yo o bosula e bong Satane o ne a tsweletse ka go tshwenya. Tota o ne a leka le go dira gore baengele ba Modimo ba nne bosula. Fa nako e ntse e ya, bangwe ba baengele bano ba ne ba simolola go reetsa Satane. Ba ne ba tlogela tiro e Modimo a neng a ba neile yone kwa legodimong. Mme ba tla mo lefatsheng ba itirela mebele ya batho. A o itse gore ka ntlha yang?

Baebele ya re ke ka gonne bomorwa Modimo ba ne ba bona basadi ba bantle mo lefatsheng mme ba batla go nna le bone. Ka jalo, ba ne ba tla mo lefatsheng mme ba nyala basadi bano. Baebele ya re seno se ne se le phoso, gonne Modimo o ne a bopetse baengele go nna kwa legodimong.

Fa baengele le basadi ba bone ba tshola bana, bana bano ba ne ba farologane le ba bangwe. Kwa tshimologong, ba ka tswa ba ne ba lebega ba siame fela. Mme ba ne ba gola ba nna bagolo thata, ba nonofa thata go fitlha ba nna diganka.

Diganka tseno di ne di le bosula. E re ka ba ne ba le bagolo thata e bile ba nonofile thata, ba ne ba utlwisa batho botlhoko. Ba ne ba pateletsa mongwe le mongwe go nna bosula jaaka bone.

Enoke o ne a sule, mme go ne go na le monna yo mongwe mo lefatsheng yo o neng a le molemo. Leina la monna yono e ne e le Noa. Ka metlha o ne a dira se Modimo a neng a batla gore a se dire.

Letsatsi lengwe Modimo o ne a bolelela Noa gore nako ya gore a fedise batho botlhe ba ba bosula e ne e gorogile. Mme Modimo o ne a tlile go boloka Noa, ba lelapa la gagwe le bontsi jwa diphologolo. A re bone kafa Modimo a ileng a dira seno ka gone.