Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 9

Noa o Aga Araka

Noa o Aga Araka

NOA o ne a na le mosadi le barwa ba le bararo. Maina a bomorwawe e ne e le Sheme, Hame le Jafethe. Mme mongwe le mongwe wa barwa bano o ne a na le mosadi. Ka jalo, go ne go na le batho ba le robedi mo lelapeng la ga Noa.

Jaanong Modimo o ne a kopa Noa gore a dire sengwe se se sa tlwaelegang. O ne a re a age araka e kgolo. Araka eno e ne e le kgolo jaaka sekepe, mme gone e lebega jaaka lebokose le legolo le leleele. Modimo o ne a re, ‘O e dire bogodimo jwa matlhatlaganyane a le mararo, mme o e dire dikamore mo teng.’ Dikamore tseo e ne e le tsa ga Noa le ba lelapa la gagwe, diphologolo, le dijo tse ba neng ba tla di tlhoka.

Gape Modimo o ne a bolelela Noa gore a baakanye araka gore metsi a se ka a tsena mo teng. Modimo o ne a re: ‘Ke tlile go tlisa morwalela o mogolo wa metsi gore ke senye lefatshe lotlhe. Mongwe le mongwe yo o seng mo arakeng o tla swa.’

Noa le bomorwawe ba ne ba ikobela Jehofa mme ba simolola go aga. Mme batho ba bangwe ba ne ba ba tshega. Ba ne ba tswelela ka bosula jwa bone. Ga go na ope yo o neng a dumela Noa fa a ba bolelela se Modimo a neng a tlile go se dira.

Go ne ga tsaya lobaka lo loleele go aga araka ka gonne e ne e le kgolo thata. Kgabagare, morago ga dingwaga di le dintsi, e ne ya fela. Jaanong Modimo o ne a re Noa a tsenye diphologolo mo arakeng. Modimo o ne a mmolelela gore a tlise mefuta mengwe ya diphologolo di le pedi, e tonanyana le e namagadi. Mme Modimo o ne a re mo mefuteng e mengwe ya diphologolo, Noa a tlise di le supa. Gape Modimo o ne a bolelela Noa go tlisa mefuta yotlhe e e farologaneng ya dinonyane. Mme Noa a dira fela jaaka Modimo a ne a mmoleletse.

Morago ga moo, Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba tsena mo arakeng. Mme Modimo a tswala lebati. Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba letile ba le mo teng. A o ko o ipone o le mo arakeng o na le bone, o letile. A tota go ne go tla nna le morwalela jaaka Modimo a ne a buile?