Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 11

Motshe wa Godimo wa Ntlha

Motshe wa Godimo wa Ntlha

A O ITSE selo sa ntlha se Noa a ileng a se dira fa ene le ba lelapa la gagwe ba tswa mo arakeng? O ne a isetsa Modimo tshupelo kgotsa mpho. A o a mmona mo setshwantshong se se fa tlase? Noa o ne a ntsha mpho eno ya diphologolo go leboga Modimo go bo a ile a boloka lelapa la gagwe ka nako ya morwalela o mogolo.

A o akanya gore Modimo o ile a itumelela mpho eo? Ee, o ile a e itumelela. Mme a solofetsa Noa gore ga a kitla a tlhola a senya lefatshe ka morwalela.

Go ise go ye kae, lefatshe lotlhe le ne le omile mme Noa le ba lelapa la gagwe ba simolola botshelo jo bosha ka kwa ntle ga araka. Modimo o ne a ba segofatsa mme a ba raya a re: ‘Lo nne le bana ba le bantsi. Lo ntsifale go fitlha batho ba tlala mo lefatsheng lotlhe.’

Mme moragonyana fa batho ba utlwa ka morwalela o mogolo, ba ne ba ka nna ba tshoga ba akanya gore morwalela o o tshwanang le oo, o tla tla gape. Ka jalo, Modimo o ne a dira sengwe se se neng se tla gakolola batho ka tsholofetso ya gagwe ya gore ga a kitla a tlhola a senya lefatshe lotlhe ka morwalela. A o itse gore o ne a dira eng go ba gakolola? Motshe wa godimo.

Gantsi fa pula e sena go na, letsatsi le a tswa, go bo go bonala motshe wa godimo mo loaping. Metshe ya godimo e ka nna le mebala e mentsi e mentle. A o kile wa o bona? A o bona o o mo setshwantshong seno?

Seno ke se Modimo a ileng a se bua: ‘Ke solofetsa gore ga nkitla ke senya batho botlhe le diphologolo gape ka morwalela. Ke baya motshe wa godimo mo marung. Mme fa motshe wa godimo o tlhaga, ke tla o bona mme ke bo ke gakologelwa tsholofetso eno e ke e dirileng.’

Ka jalo, fa o bona motshe wa godimo, o tshwanetse go go gopotsa eng? Ee, tsholofetso ya Modimo ya gore ga a kitla a tlhola a senya lefatshe ka morwalela o mogolo.