Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 12

Batho ba Aga Tora e Kgolo

Batho ba Aga Tora e Kgolo

GO NE ga feta dingwaga tse dintsintsi. Bomorwa Noa ba ne ba nna le bana ba bantsi. Mme bana ba bone ba gola, le bone ba nna le bana. Go ise go ye kae, batho ba ne ba nna bantsi mo lefatsheng.

Mongwe wa batho bano e ne e le setlogolwana sa ga Noa e bong Nimerode. E ne e le monna yo o setlhogo yo o neng a tsoma le go bolaya batho le diphologolo. Gape Nimerode o ne a itira kgosi mme a laola batho botlhe. Modimo o ne a sa rate Nimerode.

Ka nako eo, batho botlhe ba ne ba bua puo e le nngwe. Nimerode o ne a batla gore ba nne felo go le gongwe gore a kgone go ba busa. Ka jalo, a o itse se a ileng a se dira? O ne a laela batho gore ba age motse le tora e kgolo mo go one. A o a ba bona mo setshwantshong ba dira ditena?

Jehofa Modimo o ne a sa itumedisiwa ke kago eno. Modimo o ne a batla gore batho ba tswe mme ba nne mo lefatsheng lotlhe. Mme batho bone ba ne ba re: ‘Tlang! A re ikageleng motse le tora e e goletseng kwa godimo thata, mo setlhoa sa yone se tla fitlhang kwa legodimong. Mme re tla tuma!’ Batho ba ne ba sa batle go tlotlomatsa Modimo mme ba ne ba batla go itlotlomatsa.

Ka jalo, Modimo o ne a dira gore batho ba emise go aga tora. A o itse gore o ile a dira seo jang? O ne a dira gore ka bonako fela batho ba simolole go bua dipuo tse di farologaneng go na le go bua puo e le nngwe. Baagi ba ne ba sa tlhole ba utlwana fa ba bua. Ke ka lebaka leo motse ono o ileng wa bidiwa Babele kgotsa Babelona, mo go rayang “Tlhakatlhakano.”

Batho jaanong ba ne ba simolola go tswa mo Babele. Ditlhopha tsa batho ba ba buang puo e e tshwanang di ne tsa ya go nna mmogo mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.