Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 14

Modimo o Leka Tumelo ya ga Aborahame

Modimo o Leka Tumelo ya ga Aborahame

A O BONA se Aborahame a se dirang fano? O tshotse thipa, mme go bonala e kete o tlile go bolaya morwawe. Ke ka ntlha yang a ka dira jalo? Sa ntlha, a re bone gore Aborahame le Sara ba nnile le morwa yono jang.

Gakologelwa gore Modimo o ile a ba solofetsa gore ba tla nna le morwa. Mme go ne go bonala seo se ka se kgonege, ka gonne Aborahame le Sara ba ne ba tsofetse. Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a dumela gore Modimo a ka dira se go neng go bonala se ka se kgonege. Mme go ne ga diregang?

Go ne ga feta ngwaga Modimo a dirile tsholofetso eo. Go tswa foo, fa Aborahame a le dingwaga di le 100 mme Sara ene a le dingwaga di le 90, ba ne ba tshola ngwana wa mosimane yo o bidiwang Isake. Modimo o ne a bolokile tsholofetso ya gagwe!

Mme fa Isake a sena go gola, Jehofa o ne a leka tumelo ya ga Aborahame. O ne a bitsa: ‘Aborahame!’ Mme Aborahame a araba: ‘Ke fano!’ Go tswa foo Modimo a re: ‘Tsaya morwao, morwao yo o esi, e bong Isake mme o ye kwa thabeng e ke tla go e bontshang. Fa o fitlha koo bolaya morwao mme o mo ntshe setlhabelo.’

Ruri mafoko ao a ile a hutsafatsa Aborahame ka gonne o ne a rata morwawe fela thata. Mme gape, o gopole gore Modimo o ne a solofeditse gore bana ba ga Aborahame ba ne ba tla nna mo lefatsheng la Kanana. Mme seno se ne se tla direga jang fa Isake a ne a sule? Aborahame o ne a sa tlhaloganye, mme gone o ne a ikobela Modimo.

Fa a fitlha kwa thabeng, Aborahame o ne a bofa Isake mme a mmaya mo sebesong se a neng a se dirile. Go tswa foo, a bo a ntsha thipa gore a bolaye morwawe. Mme ka yone nako eo, moengele wa Modimo a bitsa: ‘Aborahame, Aborahame!’ Mme Aborahame a araba: ‘Ke fano!’

Modimo o ne a re: ‘O se ka wa utlwisa mosimane botlhoko kgotsa wa mo dira sepe. Jaanong ke a itse gore o na le tumelo mo go nna ka gonne ga o a gana ka morwao, morwao yo o esi.’

Ruri Aborahame o ne a na le tumelo e e nonofileng mo Modimong! O ne a dumela gore Jehofa ga a palelwe ke sepe le gore a ka kgona go tsosa Isake mo baswing. Mme gone, e ne e se boikaelelo jwa Modimo gore Aborahame a bolaye Isake. Ka jalo, Modimo o ne a dira gore nku e tshwarwe ke ditlhatshana tse di fa gaufi, mme a bolelela Aborahame go ntsha yone setlhabelo mo boemong jwa morwawe.