Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 19

Jakobe O na Le Lelapa le Legolo

Jakobe O na Le Lelapa le Legolo

A KO o bone lelapa leno le legolo. Bano ke barwa ba ga Jakobe ba ba 12. Mme gape o ne a na le barwadi. A go na le bangwe mo go bone ba o itseng maina a bone? A re ithute maina a bangwe ba bone.

Lea o ne a tshola Rubene, Simeone, Lefi le Juda. Fa Ragele a bona gore o ne a sa kgone go tshola bana, o ne a hutsafala thata. Ka jalo, a neela Jakobe lelata la gagwe e bong Bileha mme a nna le barwa ba babedi e bong Dana le Nafetali. Go tswa foo, Lea le ene a neela Jakobe lelata la gagwe e bong Silepa, mme a tshola Gada le Ashera. La bofelo Lea a tshola barwa ba bangwe ba babedi, Isakare le Sebulone.

Kgabagare Ragele o ne a kgona go tshola ngwana. O ne a mmitsa Josefa. Re tla ithuta ka Josefa moragonyana, ka gonne o ne a nna motho yo o tlotlegang thata. Bano ke barwa ba le 11 ba Jakobe a neng a ba tsholelwa a sa ntse a nna le rraagwe Ragele e bong Labane.

Gape Jakobe o ne a na le barwadi, mme Baebele e bua leina la a le mongwe fela wa bone. E ne e le Dina.

Go ne ga tla nako ya gore Jakobe a dire tshwetso ya go tlogela Labane mme a boele kwa Kanana. Ka jalo, o ne a phutha lelapa la gagwe le legolo le matsomane a gagwe a dinku le motlhape wa dikgomo, mme a simolola loeto lo loleele.

Fa Jakobe le lelapa la gagwe ba setse ba na le lobakanyana ba le mo karolong ya naga ya Kanana, Ragele o ne a tshola morwa yo mongwe. Seno se ne sa direga ba ntse ba le mo loetong. Ragele o ne a nna le bothata ka nako ya go belega, mme kgabagare a swa fa a ntse a belega. Mme lesea la mosimanyana lone le ne le siame. Jakobe o ne a mmitsa Benjamine.

Ga re batle go lebala maina a bomorwa Jakobe ba ba 12 ka gonne setšhaba sotlhe sa Iseraele se tswa mo go bone. Tota e bile, ditso tse 12 tsa Iseraele di teeletswe ka bomorwa Jakobe ba ba 10 le bomorwa Josefa ba babedi. Isake o ne a tshela dingwaga di le dintsi fa basimane bano botlhe ba sena go tsholwa, mme a ka tswa a ile a itumela tota go nna le ditlogolwana tsa basimane tse dintsi jaana. Le fa go ntse jalo, a re bone se se ileng sa diragalela setlogolwana sa gagwe sa mosetsana e bong Dina.