Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 22

Josefa o Tsenngwa mo Kgolegelong

Josefa o Tsenngwa mo Kgolegelong

JOSEFA o dingwaga di le 17 fela fa a isiwa kwa Egepeto. Fa a fitlha koo, o rekisediwa monna mongwe yo o bidiwang Potifaro. Potifaro o berekela kgosi ya Egepeto, e bong Faro.

Josefa o direla mong wa gagwe e bong Potifaro ka natla. Ka jalo, fa Josefa a gola, Potifaro o mo tlhoma go okamela ntlo yotlhe ya gagwe. Jaanong ke ka ntlha yang fa Josefa a le mo kgolegelong? Ke ka ntlha ya mosadi wa ga Potifaro.

Josefa o a gola go nna monna yo montle thata mme mosadi wa ga Potifaro o batla gore Josefa a robale le ene. Josefa o a itse gore seno se phoso, mme ga a batle go dira jalo. Mosadi wa ga Potifaro o galefile fela thata. Ka jalo, fa monna wa gagwe a goroga mo lapeng o bua maaka a re: ‘Josefa yono yo o bosula o ne a leka go robala le nna!’ Potifaro o dumela mosadi wa gagwe, mme le ene o galefela Josefa fela thata. Ka jalo, o laela gore a tsenngwe mo kgolegelong.

Go ise go ye kae, monna yo o okametseng kgolegelo o lemoga gore Josefa ke monna yo o molemo. Ka jalo, o mo tlhoma go okamela magolegwa a mangwe otlhe. Moragonyana Faro o galefela motsholasenwelo wa gagwe le mmesi wa senkgwe, mme o ba tsenya mo kgolegelong. Letsatsi lengwe fa ba robetse, mongwe le mongwe wa bone o lora toro e e kgethegileng, mme ga ba itse bokao jwa ditoro tsa bone. Letsatsi le le latelang Josefa o ba raya a re: ‘Mpolelelang ditoro tsa lona.’ Mme fa ba bolelela Josefa ditoro tsa bone, o ba tlhalosetsa bokao jwa tsone, a thusiwa ke moya wa Modimo.

Josefa o raya motsholasenwelo a re: ‘Morago ga malatsi a mararo o tla ntshiwa mo kgolegelong, mme o tla nna motsholasenwelo wa ga Faro gape.’ Josefa o oketsa ka gore: ‘Fa o tswa mono, bolelela Faro ka ga me, mme o nthuse go tswa mo lefelong leno.’ Mme Josefa o raya mmesi wa senkgwe a re: ‘Morago ga malatsi a le mararo fela, Faro o tla laela gore o kgaolwe tlhogo.’

Morago ga malatsi a mararo go direga fela jaaka Josefa a ne a boletse. Faro o laela gore mmesi wa senkgwe a kgaolwe tlhogo. Le fa go ntse jalo, motsholasenwelo ene o ntshiwa mo kgolegelong a bo a simolola go direla kgosi gape. Mme gone o lebala gotlhelele ka Josefa! Ga a bolelele Faro ka ene mme Josefa o tshwanelwa ke go nna mo kgolegelong.