Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 25

Lelapa le Fudugela Kwa Egepeto

Lelapa le Fudugela Kwa Egepeto

JOSEFA ga a tlhole a kgona go laola maikutlo a gagwe. O laela batlhanka botlhe ba gagwe go tswa mo ntlong. Fa a setse le bomorwarraagwe fela, o simolola go lela. Akanya fela kafa bomorwarraagwe ba gakgametseng ka gone, ka gonne ga ba itse gore o lelela eng. Kgabagare a re: ‘Ke nna Josefa. A rre o sa ntse a tshela?’

Bomorwarraagwe ba gakgametse tota mo ba sa kgoneng go bua. Ba tshogile. Mme Josefa o ba raya a re: ‘Tsweetswee atamelang kwano.’ Fa ba atamela o ba raya a re: ‘Ke nna morwarraalona Josefa, yo lo neng lwa mo rekisa mo Egepeto.’

Josefa o tswelela a bua ka bopelonomi a re: ‘Lo se ka lwa ipona molato ka gonne lo ile lwa nthekisa mono. Tota e ne e le Modimo yo o neng a nthomela mo Egepeto go tla go boloka matshelo a batho. Faro o ntlhomile go nna mmusi wa naga eno yotlhe. Ka jalo, yang kwa go rre mme lo mo itsise seno. Lo bo lo mmolelele gore a tle go nna kwano.’

Go tswa foo, Josefa o tlamparela bomorwarraagwe botlhe a bo a ba atla. Fa Faro a utlwa gore bomorwarraagwe Josefa ba tlile, o raya Josefa a re: ‘Ba reye ba tseye dikoloi mme ba ye go tsaya rraabone le ba malapa a bone mme ba tle kwano. Ke tla ba fa lefatshe le le molemo mo Egepeto yotlhe.’

Ba ile ba dira jalo. O kgona go bona Josefa fano a kopana le rraagwe fa a tla Egepeto le lelapa lotlhe la gagwe.

Lelapa la ga Jakobe le setse le le legolo thata. Botlhe ba ne ba le 70 fa ba fudugela kwa Egepeto, fa re bala Jakobe le bana ba bagwe le ditlogolwana tsa gagwe. Mme gape go ne go na le basadi, gongwe le batlhanka ba le bantsi. Bano botlhe ba ne ba aga mo Egepeto. Ba ne ba bidiwa Baiseraele, gonne Modimo o ne a fetotse leina la ga Jakobe go nna Iseraele. Baiseraele ba ne ba nna batho ba ba botlhokwa thata mo Modimong, jaaka re tla bona moragonyana.