Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 27

Kgosi e e Bosula e Busa Egepeto

Kgosi e e Bosula e Busa Egepeto

BANNA ba o ba bonang fano ba pateletsa batho go bereka. Bona monna yo o betsang mongwe wa babereki ka seme! Babereki bano ke ba lelapa la ga Jakobe, mme ba bidiwa Baiseraele. Mme banna ba ba ba pateletsang go bereka ke Baegepeto. Baiseraele jaanong ke batlhanka ba Baegepeto. Seno se diregile jang?

Lelapa le legolo la ga Jakobe le ne la tshela ka kagiso mo Egepeto ka dingwaga di le dintsi. Josefa, yo e neng e le monna wa botlhokwa mo Egepeto yo o tlhatlhamang Faro, o ne a ba tlhokomela. Le fa go ntse jalo, Josefa o ne a swa. Mme Faro yo mosha, yo o neng a sa rate Baiseraele, o ne a nna kgosi mo Egepeto.

Ka jalo, Faro yono yo o bosula o ne a dira Baiseraele batlhanka. Mme o ne a tlhoma banna ba ba peloemaswe le ba ba setlhogo gore ba ba okamele. Ba ne ba pateletsa Baiseraele go bereka ka natla ba agela Faro metse. Mme gone, palo ya Baiseraele e ne ya nna ya oketsega. Morago ga lobakanyana, Baegepeto ba ne ba boifa gore Baiseraele ba tla nna bantsi thata e bile ba tla nonofa thata.

A o itse gore Faro o ne a dira eng? O ne a bua le basadi ba ba neng ba belegisa basadi ba Baiseraele a re: ‘Lo bolaye ngwana mongwe le mongwe wa mosimane yo o tsholwang.’ Mme gone basadi bao ba ne ba le molemo, ka jalo ga ba a ka ba bolaya bana bao.

Jaanong, Faro o ne a laela batho botlhe ba gagwe jaana: ‘Tsayang bana ba basimane ba Baiseraele mme lo ba bolaye. Lo tlogele fela bana ba basetsana.’ A eno e ne e se taelo e e setlhogo? A re bone kafa ngwana mongwe wa mosimane a neng a falola ka gone.