Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 28

Kafa Lesea Moshe le Falotseng ka Gone

Kafa Lesea Moshe le Falotseng ka Gone

A O ITSE gore leseanyana le le lelang, le le tshwereng monwana wa lekgarejana leno ke mang? Ke Moshe. Lekgarejana leno le lentle lone ke mang? Ke morwadiakgosi ya Egepeto, morwadia Faro.

Mmaagwe Moshe o ne a fitlha leseanyana la gagwe go fitlhela le le dikgwedi di le tharo, ka gonne a ne a sa batle gore le bolawe ke Baegepeto. Mme gone o ne a itse gore Moshe a ka nna a bonwa, ka jalo o ne a dira seno gore a mo falotse.

O ne a tsaya seroto mme a se baakanya gore metsi a se ka a tsena mo go sone. Go tswa foo, a tsenya Moshe mo teng ga sone, a bo a se baya mo bojannyeng jo botelele go bapa le Noka ya Nile. Kgaitsadie Moshe e bong Miriame, o ne a laelwa go ema gaufi le foo gore a bone se se tla diragalang.

Morwadia Faro o ne a tla mo Nokeng ya Nile go tla go tlhapa. Go ise go ye kae o ne a bona seroto se le mo bojannyeng jo botelele. O ne a raya mongwe wa basetsana ba malata a gagwe a re: ‘Ya go ntseela seroto sele.’ Fa morwadiakgosi a bula seroto, o ne a bona ngwana yo montle tota! Leseanyana Moshe le ne le lela, mme morwadiakgosi o ne a le utlwela botlhoko. O ne a sa batle gore le bolawe.

Miriame o ne a tla fa go bone. A o a mmona mo setshwantshong? Miriame o ne a botsa morwadia Faro a re: ‘A nka ya go go biletsa mosadi wa Moiseraele gore a tle go go amusetsa ngwana yono?’

Morwadiakgosi o ne a re: ‘Tsweetswee dira jalo.’

Ka jalo, Miriame o ne a taboga a ya go bitsa mmaagwe. Fa mmaagwe Moshe a tla, morwadiakgosi o ne a mo raya a re: ‘Tsaya ngwana yono o mo nkamusetse, mme ke tla go duela.’

Ka jalo, mmaagwe Moshe o ne a tlhokomela ngwana wa gagwe. Moragonyana fa Moshe a setse a godile go se kae, o ne a mo isa kwa go morwadia Faro, yo o neng a mo tsaya go nna morwawe. Ke ka tsela eo Moshe a neng a golela mo lelapeng la ga Faro.