Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 29

Lebaka La go Bo Moshe a Ile a Tshaba

Lebaka La go Bo Moshe a Ile a Tshaba

BONA Moshe o tshaba mo Egepeto. A o bona banna ba ba mo lelekisang? A o itse gore ke ka ntlha yang ba batla go mmolaya? A ko re bone.

Moshe o goletse mo lelapeng la ga Faro, kgosi ya Egepeto. O ne a nna monna yo o botlhale le yo o tlotlegang. Moshe o ne a itse gore ga se Moegepeto, mme batsadi ba gagwe ba ba mo tsetseng ke Baiseraele ba e neng e le batlhanka.

Letsatsi lengwe fa Moshe a le dingwaga di le 40, o ne a ya go bona gore batho ba gaabo ba ntse ba tsoga jang. Ba ne ba tshwerwe setlhogo tota. O ne a bona Moegepeto a itaya motlhanka wa Moiseraele. Moshe o ne a leba go mo dikologa, mme fa a bona go se ope yo o mmonang, a itaya Moegepeto mme Moegepeto a swa. Go tswa foo, Moshe a mo fitlha mo motlhabeng.

Letsatsi le le latelang Moshe a tswa a ya go bona batho ba gaabo gape. O ne a akanya gore a ka thusa batho ba gaabo gore ba se tlhole ba nna batlhanka. Mme o ne a bona banna ba babedi ba Baiseraele ba lwa, ka jalo Moshe o ne a raya yo o neng le phoso a re: ‘Ke ka ntlha yang fa o itaya morwarrago?’

Monna yono o ne a re: ‘Ke mang yo o go tlhomileng go nna mmusi le moatlhodi wa rona? A o tlile go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto yole?’

Jaanong Moshe o ne a boifa. O ne a itse gore batho ba ne ba itse se a ileng a se dira Moegepeto. Tota le Faro o ne a utlwa ka seno, mme a romela banna go ya go bolaya Moshe. Ke ka lebaka leo Moshe a ileng a tshwanelwa ke go tshaba mo Egepeto.

Fa Moshe a tswa kwa Egepeto, o ne ya kwa lefatsheng le le kgakala la Midiana. Fa a fitlha koo o ne a kopana le ba lelapa la ga Jethero, mme a nyala mongwe wa bomorwadie yo o bidiwang Siphora. Moshe o ne a nna modisa mme a tlhokomela dinku tsa ga Jethero. O ne a nna kwa lefatsheng la Midiana dingwaga di le 40. Jaanong o ne a na le dingwaga di le 80. Mme letsatsi lengwe fa Moshe a ntse a disitse dinku tsa ga Jethero, go ne ga diragala sengwe se se gakgamatsang se se ileng sa fetola botshelo jwa gagwe gotlhelele. Bula mo tsebeng e e latelang mme re bone gore sengwe se se gakgamatsang seo ke eng.