Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 30

Setlhatshana se se Shang

Setlhatshana se se Shang

MOSHE o ne a tsamaile loeto lo loleele go ya kwa thabeng ya Horeba go ya go batlela dinku tsa gagwe mafulo. Fa a le koo o bona setlhatshana se tuka mme se sa she!

Moshe o ne a akanya jaana: ‘Seno ga se a tlwaelega. Ke tla atamela gore ke bone sentle.’ Fa a atamela, ga tswa lentswe mo setlhatshaneng seo le re: ‘O se ka wa atamela gape. Rola bompaatšhane ba gago, gonne lefelo le o emeng mo go lone le boitshepo.’ E ne e le Modimo a bua a dirisa moengele, ka jalo Moshe o ne a ipipa sefatlhego.

Go tswa foo, Modimo o ne a re: ‘Ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto. Ka jalo, ke ya go ba golola, mme ke wena yo ke go romang go ya go ntsha batho ba me kwa Egepeto.’ Jehofa o ne a tlile go isa batho ba gagwe kwa lefatsheng le lentle la Kanana.

Mme Moshe o ne a re: ‘Ga ke motho wa sepe. Ke tla dira seno jang? Mma re re ke a ya. Baiseraele ba tla nthaya ba re: “O romilwe ke mang?” Ke tla ba raya ke reng?’

Modimo a araba a re: ‘Seno ke se o tla se buang.’ ‘“JEHOFA Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe, o nthomile kwa go lona.”’ Mme Jehofa a oketsa a re: ‘Leno ke leina la me ka bosakhutleng.’

Moshe a araba a re: ‘Mme a re re ga ba dumele fa ke ba bolelela gore o nthomile.’

Modimo o ne a mmotsa a re: ‘O tshotse eng?’

Moshe a araba a re: ‘Thobane.’

Modimo a re, ‘E latlhele fa fatshe.’ Mme fa Moshe a latlhela thobane fa fatshe, e fetoga noga. Go tswa foo Jehofa o ne a bontsha Moshe kgakgamatso e nngwe gape. O ne a re: ‘Tsenya seatla sa gago mo seaparong sa gago.’ Moshe o ne a dira jalo, mme fa a ntsha seatla sa gagwe sa bo se le sesweu jaaka kapoko! Seatla sa gagwe se ne se lebega jaaka e kete se na le bolwetse jo bo maswe jo bo bidiwang lepero. Morago ga moo, Jehofa o ne a naya Moshe maatla a go dira kgakgamatso ya boraro. La bofelo a re: ‘Fa o dira dikgakgamatso tseno, Baiseraele ba tla dumela gore ke go romile.’

Morago ga moo, Moshe o ne a ya gae mme a raya Jethero a re: ‘Tsweetswee mma ke ye kwa go ba losika lwa me kwa Egepeto ke ye go bona gore ba ntse ba tsoga jang.’ Ka jalo, Jethero le Moshe ba laelana, mme Moshe a simolola loeto lwa gagwe a boela Egepeto.