Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 32

Dipetso Tse 10

Dipetso Tse 10

LEBA ditshwantsho tseno. Sengwe le sengwe sa tsone se bontsha petso e Jehofa a neng a e tlisa kwa Egepeto. Mo setshwantshong sa ntlha o kgona go bona Arone a itaya Noka ya Nile ka thobane ya gagwe. Fa a dira jalo, metsi a a mo nokeng a ne a fetoga madi. Ditlhapi di ne tsa swa mme noka ya simolola go nkga.

Morago ga moo, Jehofa o ne a dira gore digwagwa di tswe mo Nokeng ya Nile. Di ne di tletse gongwe le gongwe—mo dipesetsong, mo dipaneng, mo malaong a batho—gotlhe. Fa digwagwa di swa, Baegepeto ba ne ba di kgobokanya go nna mekoa e megolo mme naga yotlhe ya nkga ka ntlha ya tsone.

Go tswa foo, Arone o ne a itaya fa fatshe ka thobane ya gagwe, mme lerole la fetoga mentsana. Tseno ke ditshenekegi tse dinnye tse di fofang, tse di lomang. Mentsana e ne e le petso ya boraro mo nageng ya Egepeto.

Dipetso tse dingwe tse di latelang di ne tsa utlwisa fela Baegepeto botlhoko, mme e seng Baiseraele. Petso ya bonè e ne ya nna dintsi tse ditona tse di neng tsa tsena mo matlong a Baegepeto botlhe. Petso ya botlhano e ne e le mo diphologolong. Bontsi jwa dikgomo, dinku le dipodi tsa Baegepeto, di ne tsa swa.

Go tswa foo, Moshe le Arone ba ne ba tsaya melora mme ba e gasa mo phefong. E ne ya dira gore batho le diphologolo ba tswe diso tse di botlhoko. Eno e ne e le petso ya borataro.

Morago ga moo, Moshe o ne a tsholeletsa letsogo la gagwe kwa loaping mme Jehofa a romela dikgadima le sefako. E ne e le sefako se se maswe tota se se iseng se ko se nne gone kwa Egepeto.

Petso ya borobedi e ne e le lesogodi la tsie. Pele ga foo, go ne go ise go ke go nne le tsie e ntsi jalo. E ne ya ja sengwe le sengwe se se neng se sa senngwa ke sefako.

Petso ya borobongwe e ne e le lefifi. Go ne ga nna lefifi le legolo mo lefatsheng malatsi a le mararo, mme kwa go nnang Baiseraele go ne go le lesedi.

La bofelo, Modimo a bolelela batho ba gagwe gore ba kgatshe madi a podi kgotsa a kwanyana mo mephakwaneng ya dikgoro tsa bone. Go tswa foo, moengele wa Modimo o ne a ba tlola a ya kwa Egepeto. Fa moengele a bona madi, o ne a sa bolaye ope mo ntlong eo. Mme mo matlong a go neng go se na madi mo mephakwaneng ya dikgoro, moengele wa Modimo o ne a bolaya leitibolo la motho le la phologolo. Eno e ne e le petso ya bo10.

Morago ga petso eno ya bofelo, Faro o ne a laela Baiseraele gore ba tsamaye. Batho ba Modimo ba ne ba setse ba ipaakanyeditse go tsamaya, mme mo go jone bosigo joo ba ne ba simolola go tswa mo Egepeto.