Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 34

Mofuta o Mosha wa Dijo

Mofuta o Mosha wa Dijo

A O KA tlhalosa gore ke eng se batho ba se selang fa fatshe? Se tshwana le segagane. Se sesweu, se lotsatsa e bile se ngathega motlhofo. Mme gone ga se segagane; ke sengwe se se jewang.

E setse e le kgwedi fela Baiseraele ba sena go tswa kwa Egepeto. Ba mo nageng. Ga go na dijo tse di lekaneng, ka jalo batho ba a ngongorega ba re: ‘Re eletsa e kete Jehofa a ka bo a ile a re bolaela kwa Egepeto. Kana koo re ne re na le dijo tsotlhe tse re di batlang.’

Ka jalo, Jehofa a re: ‘Ke tlile go dira gore dijo di ne, di tswa kwa loaping.’ Mme Jehofa a dira sone seo. Mo mosong o o latelang fa Baiseraele ba bona selo se sesweu seno se se fa fatshe, ba a botsana ba re: ‘Ke eng selo se?’

Moshe a re: ‘Ke dijo tse Jehofa a lo neileng tsone gore lo di je.’ Batho ba di bitsa MANA. Di utlwala jaaka dikuku tse di tshesane tse di dirilweng ka mamepe.

Moshe o raya batho a re: ‘Lo itseele selekanyo se mongwe le mongwe a ka se jang.’ Ka jalo, ba ne ba dira seo moso mongwe le mongwe. Mme fa letsatsi le gotela, mana a a setseng fa fatshe a ne a gakologa.

Gape Moshe o ba raya a re: ‘Ope a se ka a baya mana go fitlha letsatsi le le latelang.’ Le fa go ntse jalo, batho bangwe ga ba reetse. A o itse gore go direga eng? Letsatsi le le latelang mana a ba neng ba a beile a tletse diboko e bile a simolola go nkga!

Le fa go ntse jalo, go na le letsatsi le le lengwe la beke le Jehofa a bolelelang batho gore fa ba phutha mana, ba phuthe a ba tla kgonang go a ja malatsi a le mabedi. Leno ke letsatsi la borataro. Mme Jehofa o ba raya a re ba beele mana a mangwe letsatsi le le latelang ka gonne ga a kitla a nesa mana ape mo letsatsing la bosupa. Fa ba ipeela mana go fitlha mo letsatsing la bosupa, ga a nne le diboko e bile ga a nkge! Eno ke kgakgamatso e nngwe!

Dingwaga tsotlhe tse Baiseraele ba leng mo nageng ka tsone, Jehofa o ba tlamela ka mana.