Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 35

Jehofa o Ntsha Melao ya Gagwe

Jehofa o Ntsha Melao ya Gagwe

MO E ka nnang dikgwedi di le pedi Baiseraele ba sena go tswa kwa Egepeto, ba goroga kwa Thabeng ya Sinai, e gape e bidiwang Horeba. Lefelo leno ke lone le Jehofa a ileng a bua le Moshe mo go lone a le mo setlhatshaneng se se shang. Batho ba thibelela fano mme ba nna teng ka nakwana.

Fa batho ba ntse ba letile kwa tlase, Moshe ene o pagama thaba. Fa a le kwa godimo, Jehofa o mmolelela gore o batla gore Baiseraele ba mo ikobele mme ba nne batho ba Gagwe ba ba kgethegileng. Fa Moshe a fologa thaba, o bolelela Baiseraele se Jehofa a se buileng. Mme batho ba re ba tla ikobela Jehofa, ka gonne ba batla go nna batho ba gagwe.

Jaanong Jehofa o dira sengwe se se gakgamatsang. O dira gore go kue mosi kwa godimo ga thaba, go bo go nne le tumo e kgolo ya maru. Gape o bua le batho a re: ‘Ke nna Jehofa Modimo wa lona yo o lo ntshitseng kwa Egepeto.’ Mme o ba laela jaana: ‘Lo se ka lwa ikobela medimo epe e sele kwantle ga me.’

Modimo o naya Baiseraele ditaelo tse dingwe di le robongwe kgotsa melao. Batho ba tshogile fela thata. Ba raya Moshe ba re: ‘Wena bua le rona ka gonne re boifa gore fa Modimo a bua le rona, re ka nna ra swa.’

Moragonyana Jehofa o raya Moshe a re: ‘Tla kwano kwa go nna mo thabeng. Ke tla go naya maje a mabedi a a sephaphathi, a ke kwadileng mo go one melao e ke batlang gore batho ba e boloke.’ Ka jalo, Moshe o pagama thaba gape. O nna koo malatsi a le 40 le masigo a one.

Modimo o na le melao e mentsintsi e a batlang go e naya batho ba gagwe. Moshe o kwala melao eno. Gape Modimo o naya Moshe maje a mabedi a a sephaphathi. Mo go one, Modimo ka boene o kwadile melao e le 10 e a e buileng le batho botlhe. E bidiwa Melao e e Lesome.

Melao e e Lesome e botlhokwa thata. Mme le melao e mengwe e mentsintsi e Modimo a e nayang Baiseraele, e botlhokwa. Mongwe wa melao eno wa re: ‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, ka mogopolo otlhe wa gago, ka moya otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.’ Mme o mongwe wa re: ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Morwa Modimo e bong Jesu Keresete o ne a re eno ke melao e mebedi e megolo e Jehofa a e neileng batho ba gagwe ba Iseraele. Moragonyana re tlile go ithuta dilo di le dintsi ka Morwa Modimo le ka dithuto tsa gagwe.