Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 36

Namane ya Gauta

Namane ya Gauta

IJA! Jaanong batho ba dirang? Ba rapela namane! Goreng ba dira jalo?

Fa Moshe a diega kwa godimo ga thaba, batho ba re: ‘Ga re itse gore Moshe o diragaletswe ke eng. Jaanong a re itireleng modimo o o tla re etelelang pele go re ntsha mo lefatsheng leno.’

Mogolowe Moshe e bong Arone a re: ‘Go siame. Rolang manyena a lona a gauta, mme lo a tlise kwano.’ Fa batho ba a rola, Arone o gakolosa manyena ao a bo a dira namane ya gauta ka one. Mme batho ba re: ‘Yono ke Modimo wa rona, yo o re ntshitseng kwa Egepeto!’ Go tswa foo, Baiseraele ba dira mokete o mogolo, mme ba obamela namane ya gauta.

Fa Jehofa a bona seno, o galefa fela thata. Ka jalo, o raya Moshe a re: ‘Itlhaganele, o fologe. Batho ba dira bosula jo bogolo. Ba lebetse melao ya me mme ba obamela namane ya gauta.’

Moshe o itlhaganelela kwa tlase ga thaba. Mme fa a atamela, seno ke se a se bonang. Batho ba a opela e bile ba a bina ba ntse ba dikologa namane ya gauta! Moshe o galefile thata mo a latlhelang maje a mabedi a a sephaphathi fa fatshe a go kwadilweng melao mo go one, mme a a thubega a bo a nna dikarolwana tse dintsintsi. Go tswa foo, o tsaya namane ya gauta a bo a e gakolosa. Mme o a e sila gore e sale e le bupi.

Batho ba dirile selo se se bosula tota. Ka jalo, Moshe o bolelela banna bangwe gore ba tseye ditšhaka tsa bone. A bo a re: ‘Batho ba ba bosula ba ba neng ba obamela namane ya gauta ba tshwanetse go swa.’ Mme banna bano ba bolaya batho ba le 3 000 ! A seno ga se re bontshe gore re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re obamele Jehofa a le nosi fela, mme re se ka ra obamela medimo ya maaka?