Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 39

Thobane ya ga Arone e Mela Dithunya

Thobane ya ga Arone e Mela Dithunya

BONA dithunya le maungo a a buduleng a thamane a a melang mo loreng kgotsa mo thobaneng eno. Ke thobane ya ga Arone. Dithunya tseno le maungo a a buduleng, a medile mo thobaneng ya ga Arone mo bosigong bo le bongwe fela! A re bone gore ka ntlha yang.

E setse e le lobakanyana jaanong Baiseraele ba ntse ba kgarakgatshega mo nageng. Batho bangwe ba akanya gore Moshe ga a tshwanelege go nna moeteledipele, kgotsa gore Arone ga a tshwanelege go nna moperesiti yo mogolo. Batho ba ba akanyang jalo ke Kora, Dathane le Abirame mmogo le baeteledipele ba batho ba le 250. Banna bano botlhe ba tla kwa go Moshe mme ba mo raya ba re: ‘Ke ka ntlha yang fa lo itsholeletsa kwa godimo ga rona rotlhe?’

Moshe o raya Kora le balatedi ba gagwe a re: ‘Ka moso mo mosong, lo tshole ditsholamolelo mme lo tsenye maswalo mo go tsone. Mme lo tle kwa motlaaganeng wa ga Jehofa. Re tla bona gore ke mang yo Jehofa a tla mo tlhophang.’

Mo letsatsing le le latelang Kora le balatedi ba gagwe ba ba 250 ba tla kwa motlaaganeng. Batho ba bangwe ba bantsi le bone ba tla go ema banna bano nokeng. Jehofa o galefile fela thata. Moshe a re: ‘Tswang fa ditenteng tsa banna bano ba ba bosula. Lo se ka lwa tshwara sepe sa bone.’ Batho ba a reetsa mme ba tswa fa ditenteng tsa ga Kora, Dathane le Abirame.

Go tswa foo, Moshe a re: ‘Ka seno lo tla itse gore ke mang yo Jehofa a mo tlhophileng. Lefatshe le tla bulega le bo le kometsa banna bano ba ba bosula.’

Fela fa Moshe a fetsa go bua, lefatshe le a bulega. Tente ya ga Kora le dilo tsotlhe tsa gagwe le Dathane le Abirame le botlhe ba ba nang le bone ba ya kwa tlase mme lefatshe le a ba khurumetsa. Fa batho ba utlwa selelo sa ba ba komediwang ke lefatshe, ba a goa ba re: ‘A re tshabeng! Le rona lefatshe le tloga le re kometsa!’

Kora le balatedi ba gagwe ba ba 250 ba sa ntse ba le fa pele ga motlaagana. Ka jalo, Jehofa o romela molelo mme botlhe ba a sha. Go tswa foo, Jehofa o raya Eliasare morwa Arone a re a tseye ditsholamolelo tsa banna ba ba suleng mme a direle sebeso sekhurumelo se se lotsatsa ka tsone. Sekhurumelo seno sa sebeso se ne se tla tlhagisa Baiseraele gore ga go na ope kwantle ga ga Arone le bomorwawe, yo o tshwanetseng go direla e le moperesiti.

Jehofa o batla go tlhomamisetsa batho gore o tlhophile Arone le bomorwawe go nna baperesiti. Ka jalo, o raya Moshe a re: ‘Bolelela moeteledipele wa lotso longwe le longwe go tlisa thobane ya gagwe. Mo lotsong lwa ga Lefi, o reye Arone a tlise thobane ya gagwe. Go tswa foo, baya dithobane tseno mo motlaaganeng fa pele ya letlole la kgolagano. Thobane ya monna yo ke mo tlhophileng go nna moperesiti e tla mela dithunya.’

Letsatsi le le latelang fa Moshe a leba, thobane ya ga Arone e medile dithunya le maungo a a buduleng a thamane! Ka jalo, a jaanong o bona lebaka la go bo Jehofa a dirile gore thobane ya ga Arone e mele dithunya?