Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 41

Noga ya Kgotlho

Noga ya Kgotlho

A NOGA e e thatheletsweng mo koteng e lebega e le ya mmatota? Nnyaa ga se ya mmatota. Noga eno e dirilwe ka kgotlho. Jehofa o ne a raya Moshe a re a e pege mo koteng gore batho ba e lebe mme ba tshele. Mme dinoga tse dingwe tse di fa fatshe ke tsa mmatota. Di lomile batho mme tsa dira gore ba lwale. A o itse gore ka ntlha yang?

Ke ka gonne Baiseraele ba ile ba bua kgatlhanong le Modimo le Moshe. Ba ngongorega ba re: ‘Ke eng fa o re ntshitse kwa Egepeto gore re tle go swela mo nageng? Ga go na dijo le fa e le metsi fano. E bile re lapisitswe ke go tlhola re jele mana.’

Le fa go ntse jalo, mana ke dijo tse di siameng. Jehofa o ne a ba fa one ka kgakgamatso. Mme gape o ne a ba fa le metsi ka kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, batho ga ba lebogele tsela e Modimo a ba tlhokomelang ka yone. Ka jalo, Jehofa o otlhaya Baiseraele ka go romela dinoga tseno tse di botlhole. Dinoga tseno di a ba loma mme bontsi jwa bone ba a swa.

Kgabagare batho ba tla kwa go Moshe ba re: ‘Re leofile, ka gonne re buile kgatlhanong le Jehofa le wena. Jaanong re rapelele kwa go Jehofa gore a tlose dinoga tseno.’

Moshe o rapelela batho. Mme Jehofa o laela Moshe go dira noga eno ya kgotlho. A re a e pege mo koteng, mme mongwe le mongwe yo o lomiwang ke noga o tshwanetse go e leba. Moshe o dira fela jaaka Modimo a bua. Mme fa batho ba ba lomilweng ba leba noga ya kgotlho, ba a fola.

Go na le thuto e re ithutang yone mo pegong eno. Ka tsela nngwe, rotlhe re tshwana le Baiseraele bao ba ba neng ba lomiwa ke dinoga. Rotlhe re a swa. A o lemogile gore batho ba a tsofala, ba a lwala le go swa? Seno ke ka gonne monna le mosadi wa ntlha, Adame le Efa ba ne ba tlogela Jehofa, mme rotlhe re bana ba bone. Le fa go ntse jalo, Jehofa o dirile tsela ya gore re kgone go tshelela ruri.

Jehofa o ne a romela Morwawe e bong Jesu Keresete mo lefatsheng. Jesu o ne a kalediwa mo koteng, ka gonne batho ba le bantsi ba ne ba akanya gore o bosula. Mme Jehofa o ile a ntsha Jesu setlhabelo gore a re boloke. Fa re leba kwa go ene, re mo latela, re ka kgona go bona botshelo jo bo sa khutleng. Mme re tla ithuta go le gontsi ka seno moragonyana.