Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 42

Esele e a Bua

Esele e a Bua

A O KILE wa utlwa go twe esele e a bua? O ka nna wa re ‘Nnyaa. Diphologolo ga di kgone go bua.’ Mme Baebele e bua ka esele nngwe e e kileng ya bua. A re bone gore seno se ile sa direga jang.

Baiseraele ba setse ba le gaufi le go tsena mo lefatsheng la Kanana. Kgosi ya Moabe e bong Balake, o tshaba Baiseraele. Ka jalo, o laela gore go bidiwe monna mongwe yo o botlhale yo o bidiwang Balaame gore a tle go hutsa Baiseraele. Balake o solofetsa Balaame go mo fa madi a mantsi, ka jalo Balaame o pagama esele ya gagwe a bo a tsena mo loetong lwa go ya go bona Balake.

Jehofa ga a batle gore Balaame a hutse batho ba gagwe. Ka jalo, o romela moengele a tshotse tšhaka e telele gore a ye go ema mo tseleng a thibele Balaame. Balaame ga a bone moengele mme esele ya gagwe yone e a mmona. Ka jalo, esele e nna e leka go fapogela moengele mme kgabagare e nna fa fatshe mo tseleng. Balaame o galefile fela thata, mme o itaya esele ka thobane.

Jehofa o dira gore Balaame a utlwe esele ya gagwe e bua le ene. Esele e a mmotsa, ‘Ke go dirile eng fa o mpetsa jaana?’

Balaame o araba a re: ‘O dirile gore ke lebege ke le sematla. Fa nkabo ke na le tšhaka ke ne ke tla go bolaya!’

Esele e bo e mmotsa: ‘A nkile ka go dira jaana mo nakong e e fetileng?’

Balaame o araba jaana: ‘Nnyaa.’

Go tswa foo, Jehofa o dira gore Balaame a bone moengele yo o emeng mo tseleng a tshotse tšhaka. Moengele o mo raya a re: ‘Ke ka ntlha yang fa o ntse o itaya esele ya gago? Ke tlile go go thiba, ka gonne ga o a tshwanela go ya go hutsa Baiseraele. Fa esele ya gago e ne e sa fapoga fa pele ga me, nkabo ke go bolaile, mme ka se ka ka utlwisa esele botlhoko.’

Balaame a re: ‘Ke leofile. Ke ne ke sa itse gore o eme mo tseleng.’ Moengele o lesa Balaame, mme o a tsamaya a ya go bona Balake. O sa ntse a leka go hutsa Baiseraele, mme Jehofa o dira gore a segofatse Baiseraele ka makgetlo a le mararo.