Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 43

Joshua o Nna Moeteledipele

Joshua o Nna Moeteledipele

MOSHE o batla go tsena le Baiseraele mo lefatsheng la Kanana. Ka jalo, a re: ‘Jehofa, ntetla ke kgabaganye Noka ya Joredane, mme ke bone lefatshe le le molemo.’ Jehofa o mo raya a re: ‘Go lekane! O se ka wa tlhola o bua ka kgang eno gape!’ A o itse gore ke eng fa Jehofa a rialo?

Ke ka ntlha ya se se ileng sa direga fa Moshe a ne a itaya lefika. Gakologelwa, Moshe le Arone ba ile ba se ka ba tlotlomatsa Jehofa. Ga ba a ka ba bolelela batho gore Jehofa ke ene a neng a ba ntshetsa metsi mo lefikeng. Ka ntlha ya seo, Jehofa o ile a re ga a kitla a ba letla go tsena mo lefatsheng la Kanana.

Ka jalo, dikgwedi di se kae morago ga loso lwa ga Arone, Jehofa o raya Moshe a re: ‘Tsaya Joshua, mme o mo emise fa pele ga moperesiti Eliasare le batho. Mme bolela fa pele ga bone botlhe gore Joshua ke moeteledipele yo mosha.’ Moshe o dira fela jaaka Jehofa a mo laetse, jaaka o bona mo setshwantshong.

Go tswa foo, Jehofa o raya Joshua a re: ‘Nna thata, mme o se ka wa boifa. O tla etelela Baiseraele pele go tsena mo lefatsheng la Kanana le ke le ba solofeditseng, mme ke tla nna le wena.’

Moragonyana Jehofa o raya Moshe a re a pagamele kwa godimo ga Thaba ya Nebo e e mo lefatsheng la Moabe. Fa Moshe a le kwa godimo koo, o leba go kgabaganya Noka ya Joredane mme o bona lefatshe le lentle la Kanana. Jehofa a re: ‘Ke lone lefatshe le ke solofeditseng go le naya bana ba ga Aborahame, Isake le Jakobe. Ke go letlile gore o le bone, mme ga nkitla ke go letla o tsena mo go lone.’

Moshe o swela gone koo kwa godimo ga Thaba ya Nebo. O ne a le dingwaga di le 120. A sa ntse a nonofile, e bile a kgona go bona sentle. Batho ba hutsafetse fela thata e bile ba a lela ka gonne Moshe o sule. Le fa go ntse jalo, ba itumeletse go bo Joshua e le moeteledipele wa bone yo mosha.