Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 45

Ba Kgabaganya Noka ya Joredane

Ba Kgabaganya Noka ya Joredane

BONA! Baiseraele ba kgabaganya Noka ya Joredane! Jaanong go diragetseng ka metsi? E re ka pula e na thata ka nako eo ya ngwaga, noka e ne e penologa metsotso e se kae pelenyana ga foo. Jaanong ga go tlhole go na le metsi! Mme Baiseraele ba kgabaganya fa go omileng teng, jaaka ba ile ba dira kwa Lewatleng le Lehibidu! Go diragetse eng ka metsi? A re bone.

Fa nako ya gore Baiseraele ba kgabaganye Noka ya Joredane e goroga, Jehofa o raya Joshua a re a bolelele batho a re: ‘Baperesiti ba tshwanetse go tsaya letlole la kgolagano mme ba tsamaye kwa pele ga rona. Fa dinao tsa bone di tsena mo metsing a Noka ya Joredane, metsi a tla emisa go elela.’

Ka jalo, baperesiti ba tsaya letlole la kgolagano mme ba tsamaya ba le tshotse ba le kwa pele ga batho. Fa ba fitlha mo Joredane, baperesiti ba tsena mo gare ga metsi. E elela ka maatla e bile e boteng. Mme fela fa dinao tsa bone di kgoma metsi, metsi a simolola go emisa go elela! Ke kgakgamatso! Jehofa o dirile gore metsi ano a nne letamo mo matlhakoreng oomabedi. Ka jalo, go ise go ye kae ga go tlhole go na le metsi mo nokeng!

Baperesiti ba ba tshotseng letlole la kgolagano ba ema mo gare ga noka e e kgadileng. A o a ba bona mo setshwantshong? Fa ba ntse ba eme foo, Baiseraele botlhe ba tsamaya go ralala Noka ya Joredane mo lefatsheng le le omileng!

Fa batho botlhe ba setse ba kgabagantse, Jehofa o bolelela Joshua gore a reye banna ba le 12 a re: ‘Tsenang mo nokeng fa baperesiti ba emeng teng ka letlole la kgolagano. Tsayang matlapa a le 12, mme lo a kgobokanye kwa lo tla lalang teng bosigo jono. Mme e tla re mo isagweng, fa bana ba lona ba lo botsa gore matlapa ano a kaya eng, lo ba bolelele gore metsi a ne a emisa go elela fa letlole la ga Jehofa la kgolagano le ne le kgabaganya Joredane. Matlapa ano a tla lo gakolola kgakgamatso eno!’ Gape Joshua o baya matlapa a le 12 fa baperesiti ba neng ba eme teng mo boalong jwa noka.

Kgabagare Joshua o raya baperesiti ba ba tshotseng letlole la kgolagano a re: ‘Tswang mo Joredane.’ Mme fela fa ba sena go tswa, metsi a noka a simolola go elela gape.