Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 50

Basadi ba Babedi ba ba Pelokgale

Basadi ba Babedi ba ba Pelokgale

FA Baiseraele ba tsena mo mathateng ba kopa thuso kwa go Jehofa. Jehofa o ba araba ka go ba naya baeteledipele ba ba pelokgale gore ba ba thuse. Baebele e bitsa baeteledipele bano baatlhodi. Joshua e ne e le moatlhodi wa ntlha, mme baatlhodi bangwe ba ba neng ba tla morago ga gagwe e ne e le Otheniele, Ehude le Shamegare. Mme mo bathong ba ba thusang Baiseraele, go na le basadi ba babedi ba ba bidiwang Debora le Jaele.

Debora ke moporofeti wa mosadi. Jehofa o mo naya tshedimosetso ka ga isagwe, mme ene o bolelela batho se Jehofa a se buang. Gape Debora ke moatlhodi. O nna ka fa tlase ga setlhare sengwe sa mokolane mo kgaolong e e dithaba, mme batho ba tla kwa go ene gore a ba thuse ka mathata a bone.

Mo nakong eno kgosi ya Kanana ke Jabine. O na le dikara tsa ntwa di le 900. Masole a gagwe a nonofile thata jaana mo bontsi jwa Baiseraele ba ileng ba patelediwa go nna batlhanka ba gagwe. Moeteledipele wa masole a ga Jabine o bidiwa Sisera.

Letsatsi lengwe Debora o roma mongwe go ya go bitsa Moatlhodi Barake, mme o mo raya a re: ‘Jehofa a re: “Tsaya banna ba le 10 000 mme o ba etelele pele go ya kwa Thabeng ya Tabore. Fa o le koo, ke tla tlisa Sisera kwa go wena. Mme ke tla dira gore o mo fenye ene le masole a gagwe.”’

Barake o raya Debora a re: ‘Ke tla tsamaya fa e le gore le wena o tla ya le nna.’ Debora o tsamaya le ene, mme gone o raya Barake a re: ‘Ga o kitla o galalediwa ka ntlha ya phenyo eno, ka gonne Jehofa o tla tsenya Sisera mo seatleng sa mosadi.’ Mme go nna fela jalo.

Barake o ya kwa Thabeng ya Tabore go ya go kopana le masole a ga Sisera. Ka tshoganyetso fela Jehofa o dira gore go nne le morwalela, mme bontsi jwa masole a baba a kgamiwa ke metsi. Mme Sisera o fologa kara ya gagwe ya ntwa a bo a tshaba.

Morago ga lobakanyana Sisera o tla mo tenteng ya ga Jaele. O mo laletsa gore a tsene, a bo a mo siela mashi. Mashi ano a dira gore a otsele mme go ise go ye kae o a thulamela. Go tswa foo, Jaele o tsaya lomapo lwa tente a bo a lo kokotela mo tlhogong ya monna yono yo o bosula. Moragonyana, fa Barake a tla, Jaele o mmontsha Sisera yo o suleng! Ka jalo, o kgona go bona gore go ne ga direga fela jaaka Debora a ne a buile.

Kgabagare Kgosi Jabine le ene o a bolawa, mme Baiseraele ba tshela ka kagiso gape ka lobakanyana.