Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 51

Ruthe le Naomi

Ruthe le Naomi

MO Baebeleng go na le buka nngwe e e bidiwang Ruthe. Ke polelo ka ga lelapa lengwe le le neng le tshela mo motlheng wa fa Baiseraele ba ne ba na le baatlhodi. Ruthe ke mosadi yo mosha yo o tswang kwa lefatsheng la Moabe; ga se wa setšhaba sa Modimo sa Baiseraele. Mme fa Ruthe a ithuta ka Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa, o simolola go mo rata fela thata. Naomi ke mosadi yo o godileng yo o thusitseng Ruthe go ithuta ka Jehofa.

Naomi ke mosadi wa Moiseraele. Ene le monna wa gagwe le barwa ba bone ba babedi ba ne ba fudugela kwa lefatsheng la Moabe ka nako e dijo di neng di le dinnye mo Iseraele. Mme letsatsi lengwe monna wa ga Naomi o ne a swa. Moragonyana barwa ba ga Naomi ba ne ba nyala basetsana ba Bamoabe ba ba bidiwang Ruthe le Orepa. Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le 10, barwa ba babedi ba ga Naomi le bone ba ne ba swa. Ruri Naomi le basadi bano ba babedi ba ne ba hutsafetse tota! Naomi o tla dira eng jaanong?

Letsatsi lengwe Naomi o ne a swetsa ka gore a tseye loeto lo loleele a boele gae kwa bathong ba gaabo. Ruthe le Orepa ga ba batle go kgaogana le ene, ka jalo ba tsamaya le ene. Mme fa ba setse ba tsamaile sekgalanyana, Naomi o a ema mme o ba raya a re: ‘Boelang gae mme lo ye go nna le bommaalona.’

Naomi o a ba atla le go ba sadisa sentle. Ka nako eo, basadi bano ba simolola go lela ka gonne ba rata Naomi fela thata. Ba mo raya ba re: ‘Nnyaa! Re tla tsamaya le wena kwa bathong ba gaeno.’ Mme Naomi o ba raya a re: ‘Lo tshwanetse go boa, barwadiake. Go tla nna molemo gore lo nne kwa gae.’ Ka jalo, Orepa o boela gae. Mme Ruthe ene ga a tsamaye.

Naomi o a retologa a bo a mo raya a re: ‘Orepa o ile. Le wena boela gae le ene.’ Mme Ruthe o mo araba ka gore: ‘O se ka wa mpateletsa gore ke go tlogele! Ntetle ke tsamaye le wena. Kwa o yang gone ke tla ya gone, le kwa o nnang gone ke tla nna gone. Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me. Kwa o swelang gone, ke tla swela gone, mme ke gone kwa ke tla fitlhelwang gone.’ Fa Ruthe a rialo, Naomi ga a tlhole a leka go mo pateletsa go boela gae.

Kgabagare basadi bano ba babedi ba goroga kwa Iseraele. Ba aga gone. Gone fela foo, Ruthe o simolola go bereka mo masimong, ka gonne e le nako ya go roba barele. Monna mongwe yo o bidiwang Boase o mo letla go phutha barele mo tshimong ya gagwe. A o itse gore mmaagwe Boase e ne e le mang? E ne e le Rahabe wa motse wa Jeriko.

Letsatsi lengwe Boase o raya Ruthe a re: ‘Ke utlwile ka ga gago, le ka bopelonomi jo o neng wa bo direla Naomi. Ke utlwile gore o tlogetse rraago le mmago le lefatshe la gaeno, mme wa tla go nna le batho ba o neng o sa ba itse. E kete Jehofa a ka go direla molemo!’

Ruthe o mo araba a re: ‘Ruri o nnile pelonomi mo go nna rra. O dirile gore ke ikutlwe botoka ka tsela e e molemo e o buileng le nna ka yone.’ Boase o rata Ruthe fela thata, mme go ise go ye kae ba a nyalana. Seno se itumedisa Naomi fela thata! Mme gone, Naomi o itumela le go feta fa Ruthe le Boase ba tshola ngwana wa mosimane, yo o bidiwang Obede. Fa nako e ntse e ya, Obede o nna rraagwemogolo wa ga Dafide, yo re tla ithutang ka ene moragonyana.

Buka ya Baebele ya Ruthe.