Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 52

Gideone le Banna ba Gagwe ba le 300

Gideone le Banna ba Gagwe ba le 300

A O BONA gore go diragalang fano? Banna bano botlhe ke batlhabani ba Baiseraele. Banna ba ba inameng ba nwa metsi. Monna yo o emeng gaufi le bone ke Moatlhodi Gideone. O lebile tsela e ba nwang metsi ka yone.

Ela tlhoko ditsela tse di farologaneng tse banna bano ba nwang ka tsone. Ba bangwe ba inamiseditse difatlhego tsa bone thata mo metsing. Mme yo mongwe ene o ga metsi ka diatla, gore a kgone go bona se se diregang go mo dikologa. Seno se botlhokwa ka gonne Jehofa o ne a reile Gideone a re a tlhophe fela banna ba ba nwang ba ntse ba disitse. Modimo o ne a rile ba bangwe botlhe ba busediwe gae. A re bone gore ka ntlha yang.

Baiseraele ba mo mathateng a magolo gape. Lebaka ke gore ga ba a ka ba ikobela Jehofa. Batho ba Midiana ba a ba laola le go ba utlwisa botlhoko. Ka jalo, Baiseraele ba lelela kwa go Jehofa ba kopa thuso, mme o reetsa selelo sa bone.

Jehofa o bolelela Gideone gore a batle batlhabani, mme Gideone o phutha masole a le 32 000. Masole a ba tlileng go tlhabana le one a 135 000. Le fa go ntse jalo, Jehofa o raya Gideone a re: ‘O na le banna ba bantsi thata.’ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a rialo?

Ke ka gonne fa Baiseraele ba ne ba ka fenya ntwa, ba ka nna ba akanya gore ba fentse ka bobone. Ba ka nna ba akanya gore ba ne ba sa tlhoke thuso ya ga Jehofa gore ba fenye. Ka jalo, Jehofa o raya Gideone a re: ‘Bolelela banna botlhe ba ba boifang gore ba boele gae.’ Fa Gideone a dira jalo, masole a le 22 000 a boela gae. O sala fela ka banna ba le 10 000 ba ba tshwanetseng go ya go lwa le masole a le 135 000.

Mme gone, utlwa fela! Jehofa o mo raya a re: ‘O sa ntse o na le banna ba bantsi thata.’ Ka jalo, o bolelela Gideone gore a reye banna ba nwe metsi mo molapong ono mme a busetse gae banna botlhe ba ba tla inamisetsang difatlhego tsa bone mo metsing fa ba nwa. Jehofa o mo solofetsa jaana: ‘Ke tla dira gore o fenye ka banna ba le 300 ba ba neng ba nwa ba ntse ba disitse.’

Nako ya ntwa e a fitlha. Gideone o kgaoganya banna ba gagwe ba ba 300 ka ditlhopha di le tharo. O naya monna mongwe le mongwe lonaka, le nkgo e na le lobone mo teng. Fa go setse go nna bosigogare, botlhe ba phuthega go dikologa bothibelelo jwa masole a baba. Go tswa foo, botlhe ba letsa dinaka tsa bone, ba thuba dinkgo, ba bo ba goa ka nako e le nngwe ba re: ‘Tšhaka ya ga Jehofa le ya ga Gideone!’ Fa masole a baba a tsoga, a tlhakane tlhogo e bile a tshogile. Botlhe ba simolola go tshaba, mme Baiseraele ba fenya ntwa.