Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 55

Mosimanyana o Direla Modimo

Mosimanyana o Direla Modimo

A O BONA mosimanyana yono yo montle? Leina la gagwe ke Samuele. Mme monna yo o beileng seatla mo tlhogong ya gagwe ke moperesiti yo mogolo e bong Eli. Rraagwe e bong Elekana le mmaagwe e bong Hana, ke bone ba mo tlisitseng mo go Eli.

Samuele o dingwaga di ka nna nnè kgotsa tlhano fela. Le fa go ntse jalo, o tla nna fano mo motlaaganeng wa ga Jehofa le Eli le baperesiti ba bangwe. Ke ka ntlha yang fa Elekana le Hana ba tlisitse Samuele a sa ntse a le monnye jaana gore a tle go direla Jehofa mo motlaaganeng? A re bone.

Dingwaga di se kae pele ga tiragalo eno, Hana o ne a hutsafetse thata. Lebaka ke gore o ne a sa kgone go tshola ngwana, mme a eletsa thata go nna le ene. Ka jalo, letsatsi lengwe fa Hana a etetse kwa motlaaganeng wa ga Jehofa, o ne a rapela a re: ‘Ao Jehofa, o se ka wa ntebala! Fa o ka mpha ngwana wa mosimane, ke solofetsa gore ke tla go naya ene gore a go direle botshelo jotlhe jwa gagwe.’

Jehofa o ne a araba thapelo ya ga Hana, mme dikgwedi moragonyana o ne a tshola Samuele. Hana o ne a rata mosimanyana wa gagwe thata, mme a simolola go mo ruta ka Jehofa fa a sa ntse a le monnye thata. O ne a raya monna wa gagwe a re: ‘Fela fa Samuele a sena go gola mo a sa tlholeng a anya, ke tla mo isa kwa motlaaganeng gore a ye go direla Jehofa teng.’

Ke sone se re bonang Elekana le Hana ba se dira mo setshwantshong. Mme e re ka batsadi ba ga Samuele ba mo rutile sentle, o itumelela go bo a direla mo tenteng ya ga Jehofa. Ngwaga le ngwaga Hana le Elekana ba tla go obamela mo tenteng eno e e kgethegileng, le go etela mosimanyana wa bone. E bile ngwaga le ngwaga Hana o mo tlisetsa seaparo se sesha se se se nang matsogo se a mo diretseng sone.

Fa dingwaga di ntse di feta, Samuele o tswelela a direla mo motlaaganeng wa ga Jehofa, mme o ratiwa ke Jehofa mmogo le batho. Barwa ba moperesiti yo mogolo Eli, ba ba bidiwang Hofeni le Finease ga ba a siama. Ba dira dilo tse dintsi tse di bosula, mme ba tlhotlheletsa ba bangwe gore le bone ba se ka ba ikobela Jehofa. Eli o tshwanetse go ba ntsha mo boperesiting, mme ga a dire jalo.

Samuele yo mmotlana ga a letle dilo tseno tse di bosula tse di dirwang mo motlaaganeng di mo thibela go direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, e re ka e le batho ba le mmalwa fela ba ba ratang Jehofa, e setse e le lobaka lo loleele Jehofa a sa bue le motho ope. Fa Samuele a setse a godile go se kae, go direga seno:

Samuele o robetse mo motlaaganeng fa lentswe le mo tsosa. O a araba: ‘Ke fano.’ Mme o a tsoga, o tabogela kwa go Eli, a bo a re: ‘Ke fano, gonne o mpiditse.’

Mme Eli o mo raya a re: ‘Ga ke ise ke go bitse; tsamaya o ye go robala.’ Ka jalo, Samuele o boela kwa bolaong.

Go tswa foo, o bidiwa lekgetlo la bobedi: ‘Samuele!’ Ka jalo, Samuele o a tsoga a bo a tabogela gape kwa go Eli. A bo a re: ‘Ke fano, gonne o mpiditse.’ Mme Eli o mo raya a re: ‘Ga ke ise ke go bitse, morwaaka. Robala gape.’ Ka jalo, Samuele o boela kwa bolaong.

Lentswe le bitsa lekgetlo la boraro: ‘Samuele!’ Ka jalo, Samuele o tabogela kwa go Eli. A bo a re: ‘Ke fano, mo lekgetlong leno o tshwanetse wa bo o ne o mpitsa.’ Jaanong Eli o lemoga gore e tshwanetse ya bo e le Jehofa yo o bitsang. Ka jalo, o raya Samuele a re: ‘Tsamaya o ye go robala, mme fa o utlwa a go bitsa gape, o re: “Bua Jehofa, ka gonne motlhanka wa gago o reeditse.”’

Ke sone se Samuele a se buang fa Jehofa a mmitsa gape. Jehofa o bolelela Samuele gore o tlile go otlhaya Eli le bomorwawe. Moragonyana Hofeni le Finease ba swa mo ntweng fa ba tlhabana le Bafilisitia, mme fa Eli a utlwa se se diragetseng o a wa, o robega molala mme le ene o a swa. Ka jalo, se Jehofa a se buileng se a direga.

Samuele o a gola, mme o nna moatlhodi wa bofelo wa Iseraele. Fa a tsofala, batho ba mo raya ba re: ‘Tlhopha kgosi e e tla re busang.’ Samuele ga a batle go dira jalo, ka gonne tota Jehofa ke ene kgosi ya bone. Mme Jehofa o mo raya a re a reetse batho.