Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 56

Saulo—Kgosi ya Ntlha ya Iseraele

Saulo—Kgosi ya Ntlha ya Iseraele

BONA Samuele o tshela lookwane mo tlhogong ya monna yono. Seno ke se ba neng ba se dira go bontsha gore motho o tlhophilwe go nna kgosi. Jehofa o laela Samuele gore a tshele lookwane mo tlhogong ya ga Saulo. Lookwane lono ke oli e e kgethegileng e e nkgang monate.

Saulo o ne a akanya gore ga a tshwanelege go nna kgosi. O raya Samuele a re: ‘Ke tswa mo lotsong lwa ga Benjamine, lo lonnye go a gaisa otlhe mo Iseraele. Ke ka ntlha yang fa o re ke tla nna kgosi?’ Jehofa o rata Saulo ka gonne ga a itseele kwa godimo le go itira motho wa botlhokwa. Ke ka lebaka leo a mo tlhophang go nna kgosi.

Mme gone, Saulo ga se mohumanegi e bile ga a mokhutshwane. O tswa mo lelapeng le le humileng, e bile ke monna yo moleele, yo montle. O moleele go feta batho botlhe mo Iseraele! Gape Saulo ke monna yo o lobelo le yo o nonofileng thata. Batho ba itumeletse go bo Jehofa a mo tlhophile go nna kgosi. Botlhe ba goa ba re: ‘A kgosi e tshele ka bosakhutleng!’

Baba ba Baiseraele ba ba tshwenya le go feta. Ba sa ntse ba bakela Baiseraele mathata. Fela fa Saulo a sena go tlhomiwa go nna kgosi, Baamona ba tla go tlhabana le bone. Saulo o phutha batlhabani ba bantsi mme o fenya Baamona. Seno se dira gore batho ba itumelele go bo Saulo e le kgosi.

Fa dingwaga di ntse di feta, Saulo o thusa Baiseraele go fenya baba ba bone mo dintweng di le dintsi. Gape Saulo o na le morwa yo o pelokgale yo o bidiwang Jonathane. Mme Jonathane o thusa Baiseraele go fenya dintwa di le dintsi. Bafilisitia e sa ntse e le bone baba ba bagolo ba Baiseraele. Letsatsi lengwe Bafilisitia ba le diketekete ba tla go tlhabana le Baiseraele.

Samuele o bolelela Saulo gore a mo emele go fitlha a tla go ntshetsa Jehofa setlhabelo kgotsa mpho. Le fa go ntse jalo, Samuele o a diega. Saulo o boifa gore Bafilisitia ba tla tloga ba ba tlhasela, ka jalo o ya go dira setlhabelo ka boene. Kgabagare fa Samuele a goroga, o bolelela Saulo gore ga a reetsa. O mo raya a re: ‘Jehofa o tla tlhopha motho yo mongwe go nna kgosi mo Iseraele.’

Moragonyana Saulo ga a reetse Jehofa gape. Ka jalo, Samuele o mo raya a re: ‘Go botoka go utlwa Jehofa go na le go mo ntshetsa mpho ka nku e e di gaisang tsotlhe. E re ka o sa utlwa Jehofa, Jehofa ga a kitla a go letla go tswelela o le kgosi ya Iseraele.’

Re ka ithuta thuto e e molemo mo kgannyeng eno. E re bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone go utlwa Jehofa ka metlha. Gape e re bontsha gore motho yo o siameng jaaka Saulo, a ka fetoga mme a nna bosula. Le ka motlha ga re batle go nna bosula, a ga go jalo?