Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 58

Dafide le Goliathe

Dafide le Goliathe

BAFILISITIA ba tla go lwantsha Baiseraele gape. Ka nako eo bomogoloe Dafide ba bararo ba mo mophatong wa masole a ga Saulo. Ka jalo letsatsi lengwe Jese o raya Dafide a re: ‘Isetsa bomogoloo mabele le senkgwe. Ba botse gore ba ntse ba tsoga jang.’

Fa Dafide a goroga kwa bothibelelong, o tabogela kwa masole a leng teng go ya go batla bomogolowe. Seganka sa Mofilisitia se se bidiwang Goliathe se tla go sotla ka Baiseraele. O ntse a dira seno moso mongwe le mongwe le maitseboa ka malatsi a le 40. O goa a re: ‘Tlhophang mongwe wa banna ba lona a tle go lwa le nna. Fa a ka fenya mme a mpolaya, re tla nna batlhanka ba lona. Mme fa nka fenya ka mmolaya, lo tla nna batlhanka ba rona. Ke lo gwetlha gore lo tlhophe mongwe a tle go lwa le nna.’

Dafide o botsa masole mangwe jaana: ‘Monna yo o bolayang Mofilisitia yono a bo a dira gore a se ka a tlhola a kgoba Baiseraele, o tla newa eng?’

Lesole lengwe le mo raya le re: ‘Saulo o tla naya monna yoo dikhumo di le dintsi. Gape o tla mo naya morwadie gore e nne mosadi wa gagwe.’

Le fa go ntse jalo, Baiseraele botlhe ba tshaba Goliathe ka gonne e le seganka. O boleele jwa dimetara di ka nna 3, mme o na le lesole le lengwe le le mo tshwaretseng thebe.

Masole mangwe a ya go bolelela Kgosi Saulo gore Dafide o batla go lwa le Goliathe. Le fa go ntse jalo, Saulo o raya Dafide a re: ‘Ga o ka ke wa kgona go lwa le Mofilisitia yono. O mosimanyana fela, mme ene ga a bolo go nna lesole botshelo jotlhe jwa gagwe.’ Dafide o araba jaana: ‘Ke bolaile bera le tau tse di neng di batla go bolaya dinku tsa ga rre. Mme Mofilisitia yono o tla nna jaaka nngwe ya tsone. Jehofa o tla nthusa.’ Ka jalo Saulo o mo raya a re: ‘Tsamaya, mme e kete Jehofa a ka nna le wena.’

Dafide o fologela kwa molapong a bo a batla maje a le matlhano a a borethe, mme o a tsenya mo kgetsaneng ya gagwe. Go tswa foo o tsaya motsekedi a bo a ya go kgatlhantsha seganka. Fa Goliathe a mmona, ga a dumele se a se bonang. O akanya gore o tlile go bolaya Dafide motlhofo fela.

Goliathe o mo raya a re: ‘Tla kwa go nna mme ke tla naya dinonyane le diphologolo mmele wa gago gore di o je.’ Mme Dafide o mo raya a re: ‘O tla kwa go nna ka tšhaka, ka lerumo le ka lerumo le le konopiwang, mme nna ke tla kwa go wena ka leina la ga Jehofa. Gompieno Jehofa o tla go tsenya mo seatleng sa me mme ke tla go bolaya.’

Gone fela foo Dafide o tabogela kwa go Goliathe. O ntsha leje mo kgetsaneng ya gagwe, o le tsenya mo motsekeding a bo a le konopa ka maatla a gagwe otlhe. Leje le ya ka tlhamalalo kwa go Goliathe le mo itaya mo phatleng, mme o wela fa fatshe o a swa! Fa Bafilisitia ba bona gore seganka sa bone se ole, botlhe ba a retologa ba a tshaba. Baiseraele ba a ba lelekisa mme ba fenya ntwa.