Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 59

Lebaka La go Bo Dafide a Tshwanetse go Tshaba

Lebaka La go Bo Dafide a Tshwanetse go Tshaba

FA Dafide a sena go bolaya Goliathe, moeteledipele wa masole a Iseraele e bong Abenere o mo isa kwa go Saulo. Saulo o itumeletse Dafide fela thata. O mo tlhoma gore a laole masole a gagwe a bo a mo tsaya gore a tle go nna mo ntlong ya kgosi.

Moragonyana, fa masole a boa kwa ntweng, basadi ba opela jaana: ‘Saulo o bolaile ba le dikete, mme Dafide ene o bolaile dikete di le masomesome.’ Seno se dira gore Saulo a nne lefufa ka gonne Dafide a tlotlomadiwa go mo feta. Le fa go ntse jalo, morwa wa ga Saulo e bong Jonathane ene ga a lefufa. O rata Dafide fela thata mme Dafide le ene o a mo rata. Ka jalo Dafide le Jonathane ba solofetsana gore ba tla nna e ntse e le ditsala.

Dafide ke motshameki yo o setswerere wa harepa, mme Saulo o rata mmino o Dafide a o tshamekang. Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe lefufa la ga Saulo le mo tlhotlheletsa go dira sengwe se se sa siamang. Fa Dafide a ntse a tshameka harepa, Saulo o tsaya lerumo a bo a mo konopa a re: ‘Ke tla tlhabelela Dafide mo loboteng!’ Mme Dafide o a fapoga, lerumo le bo le feta. Moragonyana Saulo o fosa Dafide gape ka lerumo. Ka jalo, Dafide o itse gore jaanong o tshwanetse go nna kelotlhoko.

A o gopola tsholofetso e Saulo a ileng a e dira? O ne a re o tla naya monna yo o tla bolayang Goliathe morwadie gore e nne mosadi wa gagwe. La bofelo, Saulo o raya Dafide a re o tla mo naya morwadie yo o bidiwang Mikale fa fela a ka bolaya Bafilisitia ba le 100. Akanya fela! Saulo o solofela gore Bafilisitia ba tla bolaya Dafide. Mme seo ga se direge, ka jalo Saulo o naya Dafide morwadie gore e nne mosadi wa gagwe.

Letsatsi lengwe Saulo o bolelela Jonathane le batlhanka botlhe ba gagwe gore o batla go bolaya Dafide. Mme Jonathane o raya rraagwe a re: ‘O se ka wa utlwisa Dafide botlhoko. Ga a ise a go dire sepe se se sa siamang. Go na le moo, o ntse a dira sengwe le sengwe go go thusa. O ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing fa a ne a bolaya Goliathe, mme fa o bona seo o ne wa itumela.’

Saulo o reetsa morwawe, mme o solofetsa gore ga a ka ke a utlwisa Dafide botlhoko. Dafide o tlisiwa gape mo ntlong ya kgosi, mme o direla Saulo fela jaaka a ne a dira pele. Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe fa Dafide a ntse a tshameka mmino, Saulo o mo konopa gape ka lerumo. Dafide o a fapoga mme lerumo le tlhaba lobota. Leno ke lekgetlo la boraro! Jaanong Dafide o a itse gore o tshwanetse go tshaba!

Bosigo joo Dafide o ya kwa ntlong ya gagwe. Mme Saulo o romela banna bangwe gore ba ye go mmolaya. Mikale o itse se rraagwe a ikaeletseng go se dira. Ka jalo, o raya monna wa gagwe a re: ‘Fa o sa tshabe mo bosigong jono, ka moso o tla bo o sule.’ Jone bosigo joo Mikale o thusa Dafide go tswa ka fensetere gore a tshabe. Dafide o fetsa dingwaga di le supa a ntse a iphitlha mo mafelong a a farologaneng gore Saulo a se ka a mmona.