Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 60

Abigaile le Dafide

Abigaile le Dafide

A O ITSE mosadi yono yo montle yo o tlang go kopana le Dafide? Leina la gagwe ke Abigaile. O botlhale, mme o thusa Dafide gore a se ka a dira sengwe se se bosula. Pele ga re ithuta ka seno, a re bone se se ntseng se diragalela Dafide.

Fa Dafide a sena go tshaba kwa go Saulo, o iphitlha mo logageng. Bomogolowe le botlhe ba lelapa la gaabo ba ya go nna le ene koo. Go tla banna ba ka nna 400, mme Dafide o nna moeteledipele wa bone. Go tswa foo Dafide o ya kwa kgosing ya Moabe a bo a re: ‘Tsweetswee ke kopa gore mmè le rre ba nne le wena go fitlha ke bona se se tla ntiragalelang.’ Morago ga moo Dafide le banna ba gagwe ba ya go iphitlha kwa dithabeng.

Morago ga tiragalo eno Dafide o kopana le Abigaile. Monna wa gagwe e bong Nabale ke mohumi yo o nang le masimo. O na le dinku di le 3 000 le dipodi di le 1 000. Nabale ke monna yo o bosilo. Mme gone, mosadi wa gagwe e bong Abigaile ene o montle thata. Gape ke motho yo o ratang go dira se se siameng. Nako nngwe o ne a bo a falotsa lelapa la gagwe. A re bone gore jang.

Dafide le banna ba gagwe ba ntse ba bontsha Nabale bopelonomi. Ba ntse ba thusa go sireletsa dinku tsa gagwe. Ka jalo, letsatsi lengwe Dafide o roma banna bangwe ba gagwe go ya go kopa thuso kwa go Nabale. Fa banna ba ga Dafide ba goroga kwa go Nabale, ba mo fitlhela a ntse a beola dinku le bathusi ba gagwe. Ke letsatsi la mokete, mme Nabale o na le dijo tse dintsi tse di monate. Ka jalo, banna ba ga Dafide ba mo raya ba re: ‘Re ntse re go bontsha bopelonomi. Ga re ise re utswe le fa e le nngwe ya dinku tsa gago, go na le moo re ntse re thusa go di tlhokomela. Jaanong, re kopa o re neye dijo tsweetswee.’

Nabale o ba raya a re: ‘Ga nka ke ka naya banna ba ba tshwanang le lona dijo tsa me.’ O bua ka tsela e e bontshang go sa akanyetse, e bile o bua dilo tse di bosula ka Dafide. Fa banna ba boa mme ba bolelela Dafide se se diragetseng, Dafide o galefa fela thata. O ba raya a re: ‘Tsayang ditšhaka tsa lona!’ Mme ba tsena mo tseleng ba ya go bolaya Nabale le banna ba gagwe.

Mongwe wa banna ba ga Nabale, yo o utlwileng mafoko a go sa akanyetse a Nabale a a buileng, o bolelela Abigaile se se diragetseng. Ka yone nako eo Abigaile o baakanya dijo. O di pega mo dieseleng a bo a tsena mo tseleng. Fa a kopana le Dafide, o fologa esele, o a ikoba a bo a re: ‘Tsweetswee, morena wa me, tlhokomologa monna wa me Nabale. Ke seeleele, mme o dira dilo tsa boeleele. Ke go tliseditse mpho. Tsweetswee e tseye, mme o re itshwarele ka se se diragetseng.’

Dafide o araba jaana: ‘O mosadi yo o botlhale. O nthibetse gore ke se ka ka bolaya Nabale le go ipusolosetsa mo bosilong jwa gagwe. Jaanong boela gae ka kagiso.’ Moragonyana fa Nabale a sena go swa, Abigaile o nna mongwe wa basadi ba ga Dafide.